Breaking News

Borre ba tlamega go itlhatswa leina

01 Apr 2025

Borre ba gakolotswe go itlhatswa leina ka jaana ba supiwa ka monwana gore ke bakgokgontshi bagolo.

Ba gakolotswe jalo ke GVB Ambassador Mme Pearl Tsienyane kwa letsatsing la botsogo la ditlhopha tsa kgwele ya dinao tsa borre tsa maphata a puso le makalana aa ikemetseng ka Matlhatso kwa Palapye. Mme Tsienyane a re kgokgontsho e mefuta e bile e borai mo matshelong a ba-tswa setlhabelo ka e tlhokisa motho boroko mme ebile e ka dira gore motho a inyatse. A re mefuta ya kgokgontsho ke ya dititeo, maikutlo, dipetelelo ka mefuta ya tsone le ya itsholelo gareng ga tse dingwe.

Mme Tsienyane a re puso e eme ka dinao go lwantsha kgokgontsho ya bong ee kekelang mo lefatsheng leno ka go ruta, go kgothatsa le go gakolola. A re lelwapa ga le dire go lekane go aga bana ka go ba ruta boitshwaro jo bo siameng ka ba ithuta dilo tse ba di bonang mo go lone tse dintle. A re gole gantsi bakgokgontshi ba abo ba kile ba kgokgontshega ka tsela ngwe mo botshelong.

Mme Tsienyane a re borre ba sekaseke modi wa boitshwaro jwa malwapa a bone go tswa bogologolong ka seo le sone sena le seabe mo go feteleng ko dikokomaneng. O kopile borre gore ba seka ba dirisa tshakgalo ya bone mo go baba tshelang le bone e bong bomme le bana ka seo ele kgokgontsho.

Mme Tsienyane a re go botlhokwa gore ba bue ka dilo tse di ba diragaletseng gore ba kgone go tshela sentle. O ba gwetlhile gore ba ithute dilo tse di molemo tse di neng di dirwa ke borre ba bogologolo le bone ba fitisetse thuto ko baneng ba bone. A re borre ba ithute go hema dikgwetlho tse ba kopanang le tsone go itsa go tsaya ditshwetso tse eseng tsone.

Mme Tsienyane o gakolotse borre go bua fa ba na le mathata, ba kope bogakolodi ga mmogo le tshidilo maikutlo. A re borre ba tshwanetse ba lemoga gore ke bone pinagare ya lelwapa ka jalo ba tshwanetse ba dibela bomme le bana e seng go ba kgokgontsha.

Mme Tsienyane o kopile borre go tsaya boikarabelo jwa kgodiso ya bana ba bone, ba nne teng ba tseye karolo mo botshelo jwa bana. A re dikgolegelo di tletse ka batho baba shakgaletseng go sa nneng teng ga borraabone mo matshelong a bone.

Mogokaganyi wa tsa Botsogo wa Kgaolo ya Palapye, Rre Thuso Ernest a re maikaelelo a letsatsi la botsogo la metshameko ya kgwele ya dinao ya ditlhopha tsa maphata a puso le makalana aa ikemetseng ke go rotloetsa borre go tsaya mananeo a botsogo le go buisana ka kgang tse di amang borre.

Rre Ernest a re kgang kgolo ke goisa ditlamelo ko bathong le go kopanya borre go aga botsalano le go amogana maele ga mmogo le go rotloetsa baba kgokgontshang go emisa. A re metshameko e e aga borre e ba kgapha mo dilong tse di kgopo.

Mogolwane wa ofisi ya ga molaodi Mme Maitumelo Pheko o kopile borre go emisa kgokgontsho e dipalo di supang fa ba amega thata mogo yone. Mme Pheko a re Borre ba saletse ko morago mo dikgang tsa go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le malwetse a farologanyeng. A re borre ba amega gape mo dikganyeng tsa kgokgontsho ya bong e le bone ba kgokgontshi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Letsatsi la botsogo

Date : 01 Apr 2025