Puso e tsepame go aga itsholelo
31 Mar 2025
Puso e tsepame mo maikaelelong a go aga itsholelo e e itshetletseng gore e kgone go fitlhelela ditsholofetso tse e di solofeditseng Batswana pele.
Se se builwe ke Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa fa a buisa khansele ya Lobatse bosheng mabapi le ditogamaano tsa phatlalatso ya go isa ditirelo kwa setshabeng (National Decentralisation Policy).
Tona Motshegwa a re puso e itlamile go duela madi a bagodi go simolola ka dingwaga tse di masome a marataro, a supa gore seo se dirwa ke gore puso e lemoga gore ba abo ba setse ba godile, a tlatsa ka gore puso e itlamile go oketsa madi a bagodi go nna P1 800.
A re gore puso e diragatse tsotlhe tse e di solofeditseng Batswana ke gore e simolole ka go aga itsholelo. O ne a supa gore bosheng go ne ga tsewa tshwetso ya gore bagodi ba duelwe P1 400 mme mo nakong eno lephata le dira ditshekatsheko go bona gore ke Batswana ba le kae ba ba dingwaga tse di masome a marataro, go baakanyetsa go duela bagodi seelo se ba se ba solofeditseng. A re lephata la gagwe le ipeetse seelo sa go wetsa go phutha dipalo tseo ka kgwedi ya Mopitlo.
Rre Motshegwa a re moalo wa ditogamaano tsa ditlhabololo wa National Development Plan 12 o tshwanetse wa supa se batho ba se eletsang mo dikgaolong tsotlhe tsa lefatshe leno. A supa gore dikgaolo le tsone di solofelwa go dira ditogamaano tsa tsone di itebagantse le se puso e se solofeditseng Batswana.
Tona Motshegwa o boletse gore puso e itlamile go fetola selebego sa lenaneo la Ipelegeng go le tiisa gore le kgone go solegela Batswana molemo ka go ba fa dikitso le go dira ditiro tsa puso di tshwana le dikago. A re ba tsweletse ka go kwatabolotsa mo mafatsheng a a gatetseng pele ka lenaneo leo a tshwana le la India go tsisa ditirelo mo setshabeng tse di tokafatsang itsholelo mme gape Batswana ba anya boitseanape jo ba ka bo dirisang go itshetsa ba sa nnele ruri mo Ipelegeng. Mo godimo ga moo, Rre Motshegwa a re madi a bone a tlaa okediwa go nna mo seelong sa P2 500.
Fa a bua ka dikole, Tona Motshegwa a re dikole tse dikgolwane tsa diatla di tshwanetse tsa simolola go ithulaganya go rutuntsha babereki ba Ipelegeng go ba neela dikitso tse di maleba. A supa gore lephata le ne le ipeetse go fitlha ka Seetebosigo gore le bo le fetotse selebego sa Ipelegeng gore babereki ba lenaneo ba kgone go dirisa dikitso tsa bone go senka mebereko le gone go itshimololela dikgwebo go itshetsa.
Mo kgannyeng e nngwe Rre Motshegwa a re maikaelo ke gore Mopitlo fa a wela go wediwe ditshetlana tse di laolang tsamaiso ya dikomiti tsa ditlhabololo. A supa gore dikomiti tsa ditlhabololo di tshwanetse tsa fokotsa mathata a letlhoko la boroko mo mafelong a bone mme ba age itsholelo mo mafelong ao. O tlhalositse fa ba tsweletse ka go phutha megopolo go utlwa dikeletso tsa batho go tokafatsa se.
A re madi a a fiwang kgaolo a Constituency Community Project a P10 million a tshwanetse a dirisiwa, go dumalanwe le morafe le botlhe ba ba maleba, mme motsei wa ditswetso labofelo ke mopalamente.
O ne a supa gore molao o tlaa sekasekwa go tlhofofaletsa dikhansele go itsamaisa gore di kgone go itsenyetsa letseno, le go fetola ditsamaiso gore dikhansele di kgone go itseela ditshwetso dingwe di sa tlhoke go itsese tona pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya khansele
Date : 31 Mar 2025