Phudiso ya dikokelwana e rerilwe le ba ba maleba - Ramotsababa
31 Mar 2025
Lekoko go tswa kwa Lephateng la Dikgaolo le Ngwao, ba Botsogo le ba Makgotla a Babereki e ne ya re bosheng ba etela khansele ya toropo ya Selebi Phikwe go rurufatsa fa morero ka phudugo ya ditlamelo tsa botsogo go ya kwa Lephateng la Dikgaolo le tsa Ngwao.
Fa a rola molaetsa wa gagwe, modulasetilo wa lekoko Dr Mareko Ramotsababa o tlhalositse fa thulaganyo ya go fudusiwa ga ditlamelo tsa botsogo go tsweng kwa Lephateng la Botsogo go tlaa dirwa kgwedi ya Moranang e rongwa mme go solofetswe gore tsotlhe tse di maleba di bo di wetse morago ga ngwaga. O ne a tlhalosa fa dithulaganyo tsotlhe tse di neng di tshwanetse go dirwa di dirilwe le ntswa dilo dingwe di santse di saletse kwa morago.
Dr Ramotsababa o ne a tlhalosa gape fa badiri ba le 8 070 ba tlaa fuduga kwa lephateng la Botsogo go ya kwa khanseleng ya Selebi Phikwe. A re thulaganyo ya go kgaoganya ditlamelo tsa botsogo jaaka bodiredi, dikoloi le di dirisiwa tse dingwe tsa botsogo di tlaa kgaoganngwa ka tekatekanyo e bile di direlwa mo pontsheng. O tlhalositse fa se e se tiro e e motlhofo ka go ya go tlhoka gore go rekwe dikoloi tse disha ka tse di leng teng di sa lekana mme dingwe tsa tsone di setse di sule.
O supile fa go rekwa ga melemo go tlaa tswelela go dirwa kwa Central Medical Stores (CMS) ka e tlhokwa go tlhatlhojwa pele e neelwa setshaba. Dr Ramotsababa o ne a tlhalosa fa morero o dirilwe le ba ba maleba go akarediwa ba makgotla a babereki, a tlhalosa fa se se santseng se saletse kwa morago e le tshidilo maikutlo mo bodireding mo le go ne go setseng go rulagantswe.
Motshwarelela moeteledipele wa lekgotla la Botswana Nurses Union (BONU) Rre Oreeditse Kelebakgosi, o ne a tlhalosa fa ba itumeletse tshwetso ya go nna jalo ka ba tswa kgakala ba eleditse gore go nne jalo. O supile fa le bodiredi bo itumeletse tshwetso e ka ba tlhalosa fa ba ne ba sa tlhole ba akola ditlamelo le mananeo a ba neng ba a bona ka nako e ba neng ba bereka ka fa tlase ga dikhansele.
A re ntswa ba itumelela seo, go santse go na le dikgang tsa babereki tse di saletseng kwa morago tse di tlhokang go tsibogelwa mme a tlhalosa fa ditumalano di dirilwe magareng ga Lephata la Botsogo le ba Makgotla a Babereki.
Mo go tsibogeleng mafoko, Mokhanselara wa Botshabelo South Rre Mmopiemang Basebi o ne a tlhalosa fa khudugo e e ba neela boikarabelo jwa go tlhomamisa gore Batswana ba bona ditlamelo tsa botsogo ka fa go tshwanetseng ka teng.
O supile fa ba tlhaloganya fa puso e sena madi mme a kopa gore ba seka sekelwe gore ba neelwe lemme le e kareng melemo e seyo kwa dikokelong ba bo ba ithekela kwa madirelong a a ikemetseng jaaka go ne go ntse pele go somarela matshelo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selebi Phikwe
Event : Phuthego ya khansele
Date : 31 Mar 2025