Breaking News

Ba Moshaweng ba kopa tsela

31 Mar 2025

Banni ba Moshaweng kwa kgaolong ya Letlhakeng ba re ba na le tsholofelo ya gore tsela ya Molepolole-Moshaweng go fetela kwa Jwaneng e tlaa dirwa mo pusong e ntsha.

Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya motse oo Kgosi Kegobonye Maruping kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa kgaolo ya Letlhakeng Brigadier Domcaza Mokgwathi bosheng. Kgosi Maruping o supile fa go tlhoka tsela e e mo seemong se se siameng go ya Molepolole go ba sokodisa, ka jaana ba sokola go isa balwetse kwa kokelong ya Scottish Livingstone kwa Molepolole, a supa fa seemo se okediwa ke go tlhoka koloi ya kokelwana.

Kgosi o tlhalositse gape fa mapodisi a Moshaweng a sena koloi, mme se se ba ketefaletsa tiro fa ba begelwa bogodu jwa leruo le borukutlhi bope fela jo bo diragalang mo motseng. O ne a tlhalosa fa ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo kwa motseng oo, a bo a kopa ba ofisi ya matimela go ya go phutha dikgomo tsa matimela kwa motseng oo.

Fa a ntsha tekodiso ya motse, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo Rre Ontiretse Ralemune o ne a supa fa ba lebogela tsela e e dirwang e e fa gare ga motse, go tswa fa kgotleng go ya kwa sekolong, a tlhalosa fa e tsweletse sentle le ntswa e sa ye go wela kwa kokelwaneng ya motse. 

Modulasetilo o ne a tlhalosa fa ba itumelela le matlwana a borutelo a mabedi a ba a agelwang kwa sekoleng se se botlana sa Moshaweng, le ntswa a sale a tshelwa bodilo ngogola tiro e bo e ema. Rre Ralemune o ne a tlhalosa fa letlhoko la matlwana a borutelo le ntse le le teng, a bo a kopa gore ba agelwe a mangwe ka bana ba rutelwa kwa ntle.

Fa a ntsha la gagwe Mopalamente Brigadier Mokgwathi o ne a tlhalosa fa a utlwile dikopo tsa bone, a bo a supa fa di le botlhokwa fela thata. Mopalamente o ne a tlhalosa fa Tautona Advocate Duma Boko a supile fa a batla go busetsa serodumo se Batswana ba neng ba na naso.

O tlhalositse fa pele e ne e re fa Motswana a le kwa mafatsheng a sele, batho ba ne ba batla go mo ikatametsa go itse thata ka Botswana. O tlhalositse fa ba fetisitse melao e le merataro kwa palamenteng, mongwe wa yone e le wa bogodu jwa maranyane, le gore puso e kgone go busa madi ka maranyane fa a utswilwe.

Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba ne ba supa fa matshwenyego a bone e le tsela ya Molepolole-Moshaweng. Mme Lefitlhile Kgano le Mme Bogadi Nnanaakoko, ba ne ba kopa gore mapalamente ba bue Setswana kwa palamenteng. Mme Irene Mokgwathi o ne a ngongorega ka badirelapuso ba ba nnang lebaka le leleele go lo go le gongwe, a supa fa ba felela ba tsaya mowa wa mo motseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Moshaweng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 31 Mar 2025