Khama o rotloetsa tlhokomelo ya matlotlo a tlholego
30 Mar 2025
Kgosikgolo ya Bangwato, Lieutenant General Seretse Khama Ian Khama a re go botlhokwa go babalela matlolo a tlholego a a mo kgaolong ya Bobirwa le mafelo a a farologaneng lefatshe ka bophara.
Kgosikgolo Khama yo gape e leng Tautona wa pele wa lefatshe leno o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Bobonong ka Labone.
A re kgaolo ya Bobirwa e tletse ka matlotlo a tlholego, mangwe a one a sa tlhokomelweng ka mabaka a gore bontsi ga ba itse ka one.
A re matlotlo ao a ka tlhalosa ditso tsa morafe wa Babirwa,sengwe se a supang fa seka tlhotlhomatsa tlholego le ngwao ya bone.
O bile a supa gape fa matlotlo ao a ka godisa bojanala mo kgaolong eo, akaya fa se, se ka tlhamela banni ba motse mebereko bogolo jang banana.
Kgosikgolo Khama, a re go botlhokwa gore jaaka puso e dira ka gotlhe go lwantsha tlhaelo ya mebereko, batho mo gae le bone ba bone gore ba ka dirisa ditsa tlholego go kopa mananeo a a maleba ba dira maano a go itlhamela ditiro.
O gwetlhile banana go nna tlhaga, go dirisa maranyane a segompieno go ka iphataphatela, a re keletso ke gore matlotlo a otlhe le tse dingwe di tsa tlholego di ka kwala gore ope yo o ka kgatlhegelang go etela Bobirwa a itse ka Bojanala jo bo mo kgaolong.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi ya Bobonong Kgosi Ezekiel
Masilo o akgotshe Babirwa go bo ba santse ba itshwareletse ka temo le fa dibetsa tsa tlholego di akaretsa mogote o o sa laolesegeng, thaelo ya pula le tse dingwe di eta di kgoreletsa maiteko a bone.
A re temo ke seikokotlelo sa bone, a tlhalosa fa pele ga temo morafe o kgobokana kwa kgotleng go kopa pula, mme morago ga thobo go isiwe malebogo kwa Kgosing.
A re se ke go isa thobo ka go farologana kwa Kgosing go thusa bangwe mo gae baba kobo dikhutshwane, sengwe se a supang se rotloetsa popagano le mowa wa bopelotlhomogi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Bobonong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 30 Mar 2025