Breaking News

Bogodu jwa leruo bo tlhorontsha banni

30 Mar 2025

Senior Superintendent Charles Mbengwa, yo okametse lekalana la sepodisi la anti-stock theft kwa kgaolong ya borwa a re, fa sepodisi le barui ba ka tshwaraganela bogodu jwa leruo le barui ba ka bo lwantsha.

O buile se kwa thuto-seka dipuisanyong e e neng e tshwaretswe kwa Botlhapatlou ka Laboraro a tlhalosa gore fa ba sa kopanele kgang ya bogodu jwa leruo, barui ba tlaa felela ba humanegile.

A re leruo le utswiwa gongwe le gongwe mo yaareng le fa le tlhatlhetswe, magodu ba sale ba le tlhaba mo sakeng mme ba tlogelele morui mala, tlhogo le ditlhako. O supile fa leruo le utswiwa le kwa mafudisong.

Senior Superintendent Mbengwa a re ka 2023, go ne go na le dikgang tsa bogodu jwa leruo di le 134 kwa Molepolole fela, ka 2024 di ne di le 118, phokotsego e e seng ya sepe.

Thamaga a re gone di ne di le 18 ka 2023, fa ka 2024 di ne tsa nna 24, Ditshegwane di ne di le nne ka 2023, fa 2024 di ne di le thataro.

O tsweletse a re kwa Botlhapatlou di ne di le tharo ka 2023, fa ka 2024 di ne di le pedi.

 Sorilatholo le Mantshwabisi a re ke yone fela e e neng e sa kwadisa bogodu jwa leruo mo dingwageng tse pedi tse.

Senior Superintendent Mbengwa o kaile fa bogodu jwa leruo bo rotloediwa ke gore magodu ba na le kwa ba rekisang teng, a re ba rekisetsa beng ba marekisetso a nama le bommaseapei.

A re beng ba marekisetso a nama ka bontsi, ba na le mokgwa wa go tlhabela dikgomo go sele e seng kwa matlhabelong mme a kopa barui go tlhama dikomiti tse di lwantshang borukutlhi kwa metseng ya bone, ba bo ba nne le moono oo supang maikaelelo a gore ba batla go fenya eng.

A re gape go na le kgwebo e ntsi kwa ditoropong, e e rotloetsang bogodu jwa leruo mo metseng e e gaufi le ditoropo selo se se dirang gore mapodise ba tsela, ba tlhatlhobe dikoloi gore di rwele eng.

O supile fa go didrisiwa dikoloi tse di manobonobo go utswa leruo.

Kgosi Domkrag Omphithetse wa Botlhapatlou, o tlhalositse fa ba le lesego go etelwa ke ba sepodise mme a supa fa bogodu jwa leruo bo dirwa ke bana ba bone ba itirile ditlhotshwana.

O kopile barui go tlaleya bana ba gore ba fenye bogodu jwa leruo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Botlhapatlou

Event : Thuto Seka dipuisanyo

Date : 30 Mar 2025