Mapodisi a tlhotlhomisa leso la monna
27 Mar 2025
Mapodisi a Shakawe a tlhotlhomisa tiragalo e mo yone monna wa dingwaga tse di masome mabedi a fitlhetsweng a akgega mo ditlhomesong tsa ntlo kwa kgotleng ya Shaoshoko mo Shakawe.
Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a Shakawe, Superintendent Ogolotse Tampa o tlhalositse fa ba amogetse pego eo ka nako ya lesome mo mosong wa Mosupologo.
Supt Tampa a re ba ne ba ya kwa lefelong la tiragalo kwa ba fitlhetseng monna yoo a dirisitse lethale go ikaletsa.
A re o ne a ragosediwa kwa kokelong ya JP Kavindama, kwa ba bongaka ba fetileng ba rurifatsa fa a tlhokafetse.
Supt Tampa a re ditlhotlhomiso di supa fa monna yoo, a ne a itisitse le mmaagwe mo bosigong jwa Tshipi, mme ba kgaogana ka nako ya boferabongwe mongwe le mongwe a ya go robala.
A re mmaagwe moswi o tlhalositse fa a ne a sa supe fa a na le bokoa bope kgotsa a tshwenyegile mo maikutlong, a tlatsa ka gore moswi ga a tlogela molaetsa ope.
Supt Tampa o tsweletse ka gore mmele wa moswi o kwa kokelong ya JP Kavindama go letela ditlhatlhobo tsa se se ka tswang se bakile leso.
O tlhalositse fa tiragalo eo e le ya bone mo kgaolong sa le ngwaga ono o simologa, ka jalo a kopa setshaba gore fa ba na le mathata ba kope bogakolodi kwa dikgosing, mapodisi kgotsa ba boipelego go na le go tsaya ditshwetso tsa go tshwana le tse. ENDS
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 27 Mar 2025