Breaking News

Banna ba tshegeditswe mabapi le bogodu jwa leruo

27 Mar 2025

Mapodisi a Charleshill a tshegeditse banna ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya kwa go masome a mabedi le botlhano, go thusa ka ditlhotlhomiso morago ga go fitlhelwa ka dikgongwana di le tharo, tse go belaesegang e le tsa bogodu. 

Mo potsolotsong le BOPA, mookamela mapodisi a district No.6 Senior Superintendent, Thari Senwelo, o tlhalositse fa dikgongwana tseo, di fitlhetswe ke maloko a komiti ya baruakgomo ya Vultures, mo lefelong lengwe le go lebegang le dirisiwa go fitlha leruo le le utswilweng mo gare ga sekgwa. A re dikgongwana tseo, di ne di le nne, mme e le nngwe e ne e sule, go lebega e bolailwe ke lenyora ka jaana di ne di golegilwe go di thibela go boela kwa go bommaatso. 

Snr Supt Senwelo a re banna bao, ba reteletswe ke go tlhalosa ka botlalo gore ba di tsaya kae, ba ipata ka gore ga di na bommaatso. 

A re ka lesego, morui mongwe o ne a supa fa e le tsa gagwe e bile bommaatso ba le teng. 

O tlhalositse fa go tlaa dirwa thulaganyo ya ditlhatlhobo tsa madi mo dikgonngwaneng tseo, go ntsha pelo pelaelo, le go tsweledisa kgang ya tsheko. 

Snr Supt Senwelo o ne a supa fa bogodu jwa leruo bo sa jese diwelang mo kgaolong ka kakaretso mme a lebogela tshwaragano ya mapodisi le dikomiti tsa barua kgomo. 

A re ba ne ba itemogela phokotsego ya selekanyo sa 85 per cent ngogola, ka ntlha ya tshwaragano eo, mme a re ba tlaa tswelela ba nonotsha dikomiti tseo, go dira ka natla go mekamekana le bogodu jwa leruo.  O ne a gwetlha barui go tshwaya dikgongwana tsa bone ka ditshipi le matshwao a mangwe a ditsebe, a re go dira jalo, go thusa go latedisa diruiwa motlhofo. 

Senior Supt Senwelo o tlhalositse fa banna bao, ba tlaa isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata kwa Ghanzi, go rebola gore ba tshegediwe mo kgolegelong, go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso. ENDS

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 27 Mar 2025