Breaking News

Thapelo kgatlhanong le dikotsi tsa tsela e botlhokwa

27 Mar 2025

Komiti ya ipabalelo tseleng ya Serowe ene ya tshwara bokopano ka Labobedi go rapela kgatlhanong le dikotsi tsa tsela ka malatsi a paseka, malwetsi le kgokgontsho ya bong mo setshabeng.

E rile a bua kwa bokopanong joo, mothusa molaodi wa Serowe, Mme Lydia Keatlholetswe a re komiti eo, e bone go le botlhokwa gore ba kopane go rapedisa ditsela jaaka go lebilwe malatsi a paseka.

Mme Keatlholetswe a re gape ba bone go tshwanela go rapedisa malwetsi a mangwe le kgokgontsho ya bong mo setshabeng.

A re ba itemogetse gore ka malatsi a paseka dikotsi tsa tsela di nna dintsi le batho ba latlhegelwa ke matshelo ka bontsi.

E rile a afa lefoko, Archibishop Sakaeyo Ramotlhwa go tswa kwa kerekeng ya The Holy Salema Apostolic church, a re seemo sa lefatshe gompieno se tlhoka gore motho a fetole ka fa a dirang dilo ka teng. A re jaaka go iwa pasekeng jaana, saatane o leka ka bojotlhe gore go nne le tshololo ya madi mo ditseleng, mme ka jalo a kopa batho gore fa ba rapela ba nne le tumelo ya gore Modimo o tlaa ba utlwela botlhoko le go araba dilelo tsa bone.

Fa a ntsha tekodiso ya sepodisi mabapi le melato ya tsela, Inspector Isaac Ringa o ne a supa fa ba itemogetse gore melato e e dirwang mo ditseleng bontsi jwa yone e dirwa ke mokgweetsi a le ka fa tlase ga kgatelelo ya dinotagi.

O ile a gakolola ba-tsaya karolo gore ba itse gore bojalwa le koloi ga di tsamaelane.

O tsweletse a supa fa melato e mengwe e e tshwenyang e le ya go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo mme a supa gore go dira jalo go felela go baka dintsho tsa dikotsi tsa tsela.

Insp Ringa a re go diragetse dikotsi tsa tsela di le makgolo a mabedi, masome a marataro le boferabobedi (268) fa e sa le ngwaga ono o simolola go fitlha jaana, mme a kopa gore go kgweediwe sentle ka gore go sa dira jalo go tsenya bakgweetsi le badirisi ba bangwe ba tsela mo diphatseng.

A re bana ba fetoga masiela ka mabaka a dikotsi tsa ditsela.

E rile a afa malebo, modulasetilo wa  khansele ya serowe, Rre Atamelang Thaga a re o lebogela thapelo e ya go ema kgatlhanong le dikotsi tsa tsela jaaka go lebilwe malatsi a paseka. A tswelela a kopa gore go kgweediwe sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Chendzimu Themba

Location : Serowe

Event : Bokopano

Date : 27 Mar 2025