Ba gwetlhiwa go nonotsha botsalano le basimane
26 Mar 2025
Mogolwane wa lekgotla la BOFABONETHA, Reverend Mpho Moruakgomo o gwetlhile borre go nna le botsalano le bana ba bone ba basimane.
A re go supagetse fa bana ba basimane le ba basetsana ba tsalana thata le bo mmaabone go na le bo rraabone, mme a ba kopa go fetola seemo seo a re ba tshwanetse ba tsaya karolo mo kgodisong ya bana ba bone.
O buile jalo kwa pitsong e e neng e rulagantswe ke ba kereke ya Johane Masowe le Kgolagano ya Jerusalema kwa Maun bosheng, a gwetlha borre go ikemela ka dinao mo go tsa botsogo.
A re dipatlisiso di supile fa borre ba le maoto a tshupa go itlhatlhobela malwetsi le gone go akola mananeo a botsogo, a tlatsa ka gore malwetsi a tshwana le jwa kankere, madi a matona, sukiri le a mangwe a borai, ka jalo a kopa borre go tsaya botsogo jwa bone tsia ka go etela ba bongaka.
Rev. Moruakgomo o tsweletse a supa fa bolwetsi jwa HIV le AIDs le bone bo ne bo sa laolesege pele e bile bangwe ba akanaya gore bo tsena batho ba ba sa itshwareng sentle.
Bolwetsi joo, a re ga bo tlhaole ka jaana bo kgona go tsena mohumi le mohumanegi mme a lebogela maiteko a puso go bo lwantswa ka go reka diritibatsi.
“Gompieno bolwetsi bo a laolesega ka jaana ba ba amegileng ba tsaya diritibatsi sentle e bile go supagetse fa lefatshe leno le dira sentle mo mananeong a tshwana le la 95-95-95, le le rotloetsang go ikgapha le go itlhatlhobela mogare.
Re kgonne go fitlhelela 95 per cent mme go supagetse fa 5 percent yo o setseng e le wa borre ka go goga dinao mo go tseyeng karolo,” a tlatsa jalo.
Rev. Moruakgomo o kgothaditse ba-tsena pitso go ela tlhoko ka fa ba jang ka teng, a supa fa dijo dingwe jaaka mahura a mantsi le go ja dilo tse di sukiri di ka ba bakela malwetsi.
A re ba tshwanetse ba itlwaetsa go ja merogo le maungo ka jaana di na le dikotla tse di siametseng mebele le botsogo.
Mogolwane go tswa kwa lekalaneng la Men and Boys for Gender Equality, Dr Desmond Lunga, le ene o ne a iteela kobo moroko a supa fa bana ba basimane ba saletse morago mo go tseyeng ditshwetso.
A re fa basimane ba le mo dingwageng tsa go ka nna le botsalano le basetsana, tshwetso ya bofelo e tsewa ke wa mme.
O tsweletse a tlhalosa fa le bone borre pele ga ba ka tsaya ditshwetso ba tshwanetse ba itsise basadi ba bone pele gore ba dumalane.
Le fa go ntse jalo, o rotloeditse basimane le borre go tlotla tshwetso epe fela ya mosetsana kana ya mme, a re ga ba a tshwanela go ba lwantsha ka na go ba tlhapaola ka jaana go ganwa ke mosadi go sa reye gore ga gona ope yo o tlaa ba ratang. Dr Lunga a re nako e gorogile ya go re bomme le bone ba simolole go ikopela botsalano jwa lorato mo go borre.
O ne a gatelela botlhokwa jwa borre mo kgodisong ya bana a re go monate gore ngwana a tsalane le batsadi ba gagwe ka bobedi ka jaana ba ka mo ruta maele a botshelo le boitshwaro jo bo eletsegang.
A re batsadi ba tshwanetse ba kgalemela bana sentle ba ntse ba ba rekegela maikutlo, a supa fa kgokgontsho e kgona go tsalwa ke maikutlo a a sa iketleng.
Pitso e, e ne e itebagantse le go buisanya ka dikgang tse di amang borre, bana ba basimane le bone bomme le go tla ka maele a go rarabolola tse di ba emeng pele.
E ne gape e itebagantse le go lwantsha dikgwetlho tse di apereng lefatshe leno jaaka kgokgontsho ya bong, malwetsi, le botlhoka tsebe jwa banana magareng ga tse dingwe.
E ne e rile go le pele, moeteledipele wa Johane Masowe, Baba Chakanyuka Kudawanatsa a ganetsa dipego tse di reng ga ba letlelele baphuthegi go ya dikokelong, a supa fa ba rotloetsa batho go itse seemo sa bone sa botsogo ka go itekodisa ba bongaka.
A re fela jaaka dikereke le mekgatlho e mengwe, ba eme puso nokeng mo go lwantsheng dikgwetlho tse di lebanyeng lefatshe gore e re ka 2036 Botswana e bo e na le tshaba e e senang selabe sepe e bile Batswana ba tshelela mo kagisong le thokgamo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : Maun
Event : Pitso ya borre
Date : 26 Mar 2025