Kagiso ke kgosi ya Tloaneng
26 Mar 2025
Kgosi Kgari Sechele III wa Bakwena, o tlhomile Kgosi Joseph Kagiso go nna kgosi ya Tloaneng mo kgaolong ya Gabane/Mmankgodi.
E rile a rolela morafe kgosi ya bone ka Mosupologo kwa kgotleng ya motse oo, Kgosi Kgari a supa fa se setla morago ga gore rraagwe ebong Kgosi Khuduga Kagiso a tlogele setilo ka bogodi.
Kgosi Kgari a re mothusa tona wa dikgaolo wa pele, Rre Setlhabelo Modukanele, le bagolwane go tswa kwa lephateng leo ba kile batla go bua le morafe mabapi le leina le a le isitseng kwa go tona go supa gore kgosi e tlaa nna mang.
A re kgang eo e ne ya tsaya sebaka go rarabololwa, mme ba tsile mo motseng oo go le mmalwanyana ba le mo tseleng ya go bona tharabololo.
Kgosi ya Bakwena a re o itumelela gore kgabagare tumalano e ne ya nna teng mme leina la rurifadiwa, ka jalo o tsile go ba rolela kgosi mo letsatsing leo.
Kgosi Kgari a re Kgosi Kagiso o simolola go tsaya maemo a gagwe semmuso, mme a kopa morafe go dirisana le ene sentle.
O ne a ba kopa gore ba mo fe sebaka sa go ithuta tiro, go tshwaragana le ba ba mo kgaolong le go ithuta ditsamaiso tsa bogosi.
A re morafe o tshwanetse o nne seatla sa gagwe, go mo thusa mo tirong ya gagwe le gone go mo tswa maoto gore tiro ya gagwe e seka ya nna bokete. E rile a laya ngwana wa gagwe, Kgosi Khuduga o ne a mo gakolola gore o tshwanetse a itse fa a tlhomiwa kgosi jaana gore a tle a tswe Kgosi Kgari III maoto.
A re tiro ya bogosi e dirwa ka boammaruri ebile a bereke le morafe ka botlhale le kagiso.
Kgosi Khuduga o ne a mmolelela gape gore ga a kake a busa morafe a sena borangwanaagwe go mo thusa, ka e le bone bagakolodi ba gagwe ba nnete ka tiro eo ba e dira ntle le tuelo epe. A re ke bone ba a busang morafe le bone, mme fa a ka seka a utlwa dikgakololo tsa bone, morafe o ka phatlhalala.
O ne a supa fa morafe e le basupi gore o tlhomilwe kgosi ya bone, mme ba solofela go le go ntsi mo go ene, ka jalo a itse gore kgosi ke thotobolo e olelwa matlakala, a amogele morafe wa gagwe ka dipharologano tsa one.
Kgosi Khuduga o ne a kopa morwae go tsweledisa fa a tlogetseng teng, a itse gore morafe o tsile go mo roma, mme a seka a gana thomo eo.
E rile a ntsha mafoko a kgothatso, Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana, a kopa Kgosi Kagiso gore a etelele morafe wa gagwe ka kagiso le thitibalo. A re batho bangwe ba tsaya gore bogosi bo siilwe ke nako, mme o tshwanetse a rute morafe ka botlhokwa le seabe sa bogosi mo pusong ya batho ka batho.
Kgosi Mosielele a re nngwe ya ditiro tsa gagwe ke go rurifatsa gore dikomiti tsotlhe mo motseng di a bereka e bile di ntsha maduo.
A re ke leloko la dikomiti di tshwana le tsa balemi-barui, thuto, banana, twantsho borukhuthi le tse dingwe, ka maemo a gagwe go bona gore di ntsha maduo.
Kgosi Mosielele o ne a supa boitumelo ka go tlhomiwa ga ga Kgosi Kagiso, mme a mo rotloetsa go direla morafe wa gagwe ka botswapelo.
E rile a amogela thomo ya bogosi, Kgosi Kagiso a supa ka boitumleo fa a le mo maikaelelong a go dira le morafe wa gagwe ka lorato go isa motse wa bone kwa pele.
“Tshwaragano le kagiso di ka re isa kwa pele mme ra kgona go aga isago e e itumedisang le bokamoso jwa bana ba ba tlang,” a tlhalosa jalo. Kgosi Kagiso o ne a supa gape gore neelano ke konokono ya go isa motse kwa pele ka e bile ba tlhoka ditlhabololo go godisa itsholelo ya motse wa bone. A re o itumelela gore tsela e a dirwa, mme seo se raya go le gontsi mo go fetlheng mebereko le go ngoka dikgwebo tse ka tsone banana ba tla a bonang ditiro tse ba ka itshetsa ka tsone.
A re ke selo se se botlhokwa fela thata, ka jalo a kopa morafe go tlotlana, go tlotla bagolo jaaka le ene a tlotlilwe fela thata ka go tlhomiwa kgosi ya Tloaneng.
Kgosi Kagiso a re dikgwetlho di dintsi, jaaka kgokgontsho ya bong, tiriso botlhaswa ya nnotagi, le dipolaano tsa baratani, a re tse tsotlhe, di ka kgonwa fela fa morafe le Batswana ka kakaretso ba dira mmogo go di lwantsha.
A re o ya go ema ka dinao go thusa go lwantsha dikgwetlho tse, mme gape a re o utlwisiwa botlhoko ke ditshwetso tse borre ba di tsayang go kgokgontsha bomme le bana ba basetsana.
Rre Lucas Patlakwe a re ba ikemiseditse go mo ema nokeng e le bo rangwaneagwe, le go mo fa dikgakololo tse di ka mo thusang gore a buse morafe wa gagwe ka kagiso. “Mo letsatsing la gomipeno re go fa thobane, o tshwana le Moshe, gore o etelele setshaba sa Tloaneng go ya Kanana.”
Rre Patlakwe a re ba solofetse go le gontsi mo go ene mme a mo kopa gore a buse morafe wa gagwe ka lorato go sena kgokgontsho epe.
Reverend Dr John Seakgosing o ne a kgothatsa kgosi gore a itse fa thomo ya gagwe e sa mo fe tetla ya go nna mmusa-esi mme a na le morafe le magosana a a ka mo tswang maoto ka dinako tsotlhe.
A re dikgakololo mo tsamaisong ya puso ya batho ka batho ke mmamang, mme a kopa gore a tseye dikgakololo mo morafeng go godisa ledula le kagiso mo gare ga bone. Moruti Seakgosing a re o lesego go tlhongwa kgosi rraagwe a le teng, a re a ithute gore morafe o buwa ka poko ka jalo a ele tlhoko puo ya poko mme o tla a ithuta gole go ntsi mo go yone.
Mo malebong a gagwe, Mopalamente wa kgaolo eo, Rre Kagiso Mmusi, o ne a supa boitumelo ka jaanong Tloaneng o na le kgosi mme seo se raya gore ditiro tsa motse di ya go tsamaya ka thelelo ka gona le fa morafe o gamolelang mala teng.
A re ga a belaele sepe gore kgosi o tsile go dira tiro ya gagwe ka bokgabane le bonokopila ka a mo itse ka go ntsha maduo, mme a supa fa batho ba Tloaneng ba itebogile ka sekgantshwane.
Rre Mmusi a re o tla jaana tsela ya bone e setse e simolotswe go dirwa mme a ikemeseditse go rarabolola mathata a e tlang ka one. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Tloaneng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Mar 2025