Breaking News

Mosekisiwa o emela tsheko mo kgolegelong

25 Mar 2025

Mmakaseterata mogolo wa kgotla tshekelo ya Kasane, Mme Wame Mosugelo, o laetse gore mosekisiwa Oliver Mokalebai a tshegediwe mo kgolegelong mabapi le kgang ya go tsena mo lefatsheng la Botswana e se ka fa molaong le go tshwara ditlhapi ntle le teseletso. 

E rile fa a rola tshwetso ka Mosupologo, Mme Mosugelo a re morago ga go reetsa bosupi go tswa mo go ba bosekisi, go maleba gore mosekisiwa letele tsheko mo kgolegelong.

 A re go ya ka ba bosekisi, mosekisiwa Mokalebai, yo o digwaga di masome mane le bosupa wa lefatshe la Zambia, a nna kwa motseng wa Sesheke, ga a ka ke a letlelelwa go emela tsheko kwa ntle ga kgolegelo ka go nne o ka thoba. 

O tsweletse a tlhalosa fa mosekisiwa a sena pampiri tsa mosepele le masika mono, ka jalo go sena sepe se se ka mo patikang gore a boele Botswana go tla go sekela melato ya gagwe. 

O tlhalositse fa Mokalebai a sena bonno mo lefatsheng leno, ka jalo se se nonotsha tshwetso e e tserweng ke lekgotla go mo tshegetsa mo kgolegelong. 

Go ya ka ditlhotlhomiso tsa ba bosekisi, Mokalebai o ne a tshwarwa ke ba sesole sa Botswana kwa lekadibeng la Linyanti le le mo lefelong la diphologolo la Chobe National Park ka Laboraro beke e e fitileng. 

E ne yare morago ga moo, ba sesole ba mo rolela mapodisi a Kachikau, ba ba neng ba latedisa kgang le go kgobokanya bosupi. 

Go ya ka bosupi jo bo filweng ke mosekisi Sergeant Walter Dubani, mosekisiwa o ne a ya go bontsha maposidi lefelo le a neng a tshwara ditlhapi kwa go lone, kwa ba fitlhetseng ditlhapi di le lekgolo, masome a mabedi le bosupa le letlowa le a neng a le dirisa go di tshwara. 

Sergeant Dubani o tlhaloseditse lekgotla fa ditlhapi tseo di ka dira madi a a kanang ka P4 000 mo marekisetsong. 

E ne ya re a fiwa sebaka sa go ipobola, mosekisiwa a supa fa a ipona molato o a o lebisitsweng wa go tsena mo lefatsheng leno e se ka fa molaong, a tlatsa ka gore ga a ipone molato wa go tshwara ditlhapi a sena teseletso. 

Mosekisiwa o tlaa iponatsa fa pele ga lekgotla kgwedi ya Moranang e le lesome go tla go arabela molato o a o lebisitsweng wa bobedi wa go tshwara ditlhapi ntle le teseletso. 

Makaseterata o tlhalositse fa katlholo ya molato wa go tsena mo lefatsheng la Botswana e se ka fa molaong e tlaa ntshiwa morago ga molato wa kgang ya go tshwara ditlhapi e wetswa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Gaborone

Event : Tsheko

Date : 25 Mar 2025