Breaking News

Puso e itlama go tshwaragana le bagwebi ba ba botlana

24 Mar 2025

Puso e ekemiseditse go tshwaragana le makgotla a bagwebi ba ba botlana, ba dikgwebo tsa mo mekgwatlheng (informal sector), go lwantsha dikgwetlho tse di ba lebaneng, gore kgolo le katlego ya dikgwebo tsa bone e kgone go namola puso mo  manokonokong a letlhoko la ditiro.

Se, se builwe ke Tautona Advocate Duma Boko mo bokopanong jwa badulasetilo ba makgotla a, kwa ofising ya gagwe mo Gaborone, ka Mosupologo.

Tautona Boko a re Botswana Stock Exchange e itlamile go ntsha P600 million, go simolola thulaganyo ya go thusa mo go tlhabololeng le go godisa dikgwebo tse di potlana gore le tsone di nne le seabe se se nametsang mo kgodisong ya itsholelo. A re thulaganyo e, e santse e le ntsha ka e le gone e neng e itsisiwe mo bekeng e e fetileng, a rotloetsa le dikompone tse dingwe go tsenya letsogo.

Tautona Boko a re dikgwebo tse di potlana, di na le seabe se se tona mo go godiseng itsholelo ya lefatshe le gone go tlhama mebereko, ka jalo a re go botlhokwa gore puso e tlamele dikgwebo tsa bone.

 Tautona o rotloeditse makgotla a dikgwebo tse di potlana go dirisana mmogo le puso go batla ditharabololo tse di ka tswang ka maduo a a itumedisang mo go rarabololeng dikgwetlho tse di lebaneng digwebo tse.

Are se se botlhokwa,  ke gore puso e tseye megopolo le ditharabololo tsotlhe tsa go tswa ka mananeo le go tokafatsa a a leng teng, go godisa le go tlhabolola dikgwebo tse di potlana, e bo e a diragatsa e ikaegile ka dikeletso tsa bagwebi ba ba botlana. 

“Re na le kgatlhego, keletso le maikaelelo a a tlhomameng tota a gore dikgwebo tsa lona di nonofe, di gole, mme makgwere otlhe a a teng, re tshwanetse re a lebisane, re a buisane, e bo re tsamaye mmogo re sekaseka gore a mme re a rarabolotse. Ke sone se re se batlang gore re bone gore kgolo e re e batlang e a direga,” a tlatsa.

Adv. Boko o gateletse gape gore se puso e se batlang ke go bona dikgwetlho tsotlhe tse di kgoreletsang kgolo le katlego ya bagwebi ba dikgwebo tse di potlana di rarabolotswe gore bagwebi ba, ba kgone go bona dipoelo tse di nametsang. Kgolo le katlego ya dikgwebo tse, a re ke nngwe ya ditsela tse, gape, di ka thusang puso mo go lwantsheng letlhoko la ditiro.

“Bagwebi ba sebopego sa lona, ba ba botlana, ba ba santseng ba emelela gape ba leka go ikaga, ba botlhokwa mo itsholelong le mo matshelong a batho."

Bagwebi ba ba botlana, Tautona Boko a re ba botlhokwa ka gore fa dikgwebo tsa bone di gola a bo ba nna le dipoelo tse di nametsang, ba kgona go thapa ba bangwe, mme ba thuse puso mo go fokotseng dipalo tsa batho ba ba sa berekeng.

 Ka ka moo puso e lemogang seabe sa bagwebi ba ba botlana e bile e bona go le maleba go thusa go ba imolola mo dikgwetlhong tse di ba lebaneng mo go godiseng dikgwebo tsa bone, Tautona Boko a tlhalosa.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : GABORONE

Event : Bokopano le Tautona

Date : 24 Mar 2025