Breaking News

Borre ba kopiwa go gwetlha seriti sa bone

24 Mar 2025

Modulasetilo wa komiti ya borre kwa kgaolong ya Ghanzi, Assistant Superintendent, Joseph Seagateng, o gwetlhile borre go nna seopo sengwe go leka go thusana ka dikgang tse di gomagometsang go ba diga seriti.

O buile seo kwa pitsong ya borre e neng e tshwaretswe kwa kgotleng ya Ghanzi bosigo jwa letsatsi la Labotlhano.

ASP Seagateng o tlhalositse fa ba bone go le maleba go rulaganya bokopano jwa sebopego seo ka ntlha ya gore dikgang tse di apesitseng lefatshe kobo ka letshoba di tshwana le borukutlhi, kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana, rre ke ene modiradilo ka dinako tse dintsi.

A re go le gantsi ba na le go ipelaetsa gore gongwe borre bangwe ba iphitlhela ba le mo gare ga naka tsa nare ka ntlha ya go tlhoka kitso. Ka jalo, a re tsholofelo ka bokopano jo, ke go bo dirisa e le tsela ya go kopanya borre le baitseanape ba tshwana le mapodisi, baoki le bangwe, go tla go ba sedimosetsa ka fa ba ka laolang maikutlo ka teng go ba kgontsha go tsaya ditshwetso tse di maleba fa ba kopana le dikgwetlho mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi.

Mo dikgannyeng tse dingwe, o ne a gwetlha borre go iphapa mo go ikgatholoseng tlhokomelo ya bana, mme a ba rotloetsa gape go ithuta ka bukana ya melao e e itebagantseng le ditshwanelo tsa bana.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Annah Rankho, o ne a iteela borre legofi ka tshologelo ya bone mo pitsong eo, ka dipalo di ne di nametsa.

O ne a supa fa borre ba le maoto a tshupa go tsenelela dipitso tsa mofuta oo, mme a ba gakolola fa di le botlhokwa ka jaana di tlaa ba thusa go ba nonotsha maikutlo mme ba kgone go fetola ka fa ba ntseng ba dira dilo dingwe ka teng.

Kgosi Rankho o ba gwetlhile go tsaya dithuto dipuisano tseo ka tlhwaafalo, a supa fa di tlaa ba kgontsha go amogana thuto le ba bangwe kwa ntle gore ba kgone go aga malwapa a a nang le lorato le ledula.

A re seo, se ka fokotsa dikgang tsa kgokgontsho mo kgaolong le lefatshe ka bophara mme phelelong lefatshe le robalelwe ke ditlhokwa.

Rre Thuso Busumane go tswa kwa go ba Drug and Enforcement Agency (DEA) o ne a gwetlha borre go iphapa mo go diriseng botlhaswa nnotagi le ditagi ka di  le borai mo matshelong a bone.

O ne a ba gwetlha go netefatsa gore ba dirisa madi go itlhabolola mo malwapeng e seng go a dirisa botlhaswa mo ditaging.

Rre Busumane o ne a ba gwetlha go baya bana ba basimane leitlho ka jaana le bone ke bangwe ba ba inaakantseng le ditagi kwa dikoleng.

Mooki wa malwetsi a tlhaloganyo, Rre Gomolemo Molelo o ne a supa fa go le gantsi bangwe ba dirisa ditagi go ritibatsa maikutlo, mme a ba gakolola go emisa mokgwa oo, bogolo ba ikatumetse ba bongaka go ba thusa ka tshidilo maikutlo.

Mooki Molelo o ne a gatelela fa borre ba le maoto a tshupa go kopa dithuso tsa tshidilo maikutlo fa go tshwantshanngwa le bomme.

Dithuto tse dingwe mo phirimaneng eo, di ne di itebagantse le go dirisa bana mo tlhakanelong dikobo, thubetso, malwetsi a tlhakanelo dikobo, dikgang tsa borukutlhi ka kakaretso le tse dingwe.

Constable Theophilus Louw, a re mo go tsa thubetso, ka 2023 ba gatisitse dipalo di le lesome le metso e mebedi fa ka 2024 ba gatisitse di ferabongwe mme ka 2025 di le lesome le bosupa.

O ne a tswelela a supa mo sephatlong sa bofelo sa ngwaga wa 2023 ba ne ba gatisa dikgetsi tsa matshosetsi a polao di ferabobedi, 2024 ba gatisitse di supa mme ka 2025 ba  setse ba gatisitse di le tlhano.

A re dipalo tseo di a tlhobaetsa mme o solofela gore ka ba simolotse letsholo la go buisana le borre, gongwe go tlaa nna le diphetogo. Bokhutlo 

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : GHANZI

Event : Pitso ya Borre

Date : 24 Mar 2025