Seboko se baka tshenyo e ntsi
24 Mar 2025
Balemi ba masimo a Nkgobotwane gaufi le toropo ya Selebi Phikwe ba re e re le fa temo ya mmidi ya ngwaga ono e solofetsa thobo e e nametsang, sebe sa phiri ke seboko sa fall army se, se tsweletseng ka go ganyaola mmidi ga mmogo le letlhaka.
Mo potsolotsong le BOPA, mongwe wa balemi ba masimo ao, Rre Barulaganye Phillip, o supile fa seboko sa fall army se baka tshenyo e e ngomolang pelo.
Rre Phillip o supile fa a le mo temong ya nosetso a dirisa metsi go tswa mo nokeng ya Letlhakane e e gaufi le masimo a Nkgobotwane.
A re mmidi wa paka eno o belege mo go itumedisang go supa fa ba tla a ora molelo wa mariga gape e bile go ne go supa fa dipoeleo le tsone e tlaa nna tse di nametsang.
Jaanong a re sebe sa phiri ke sone seboko sa fall army.
A re seboko seo se mo apesitse kobo ka letshoba ka jaana se ja mmidi ga mmogo le letlhaka, sengwe se a supang fa se tlhoka go potlakelwa go lwantshiwa.
Rre Phillip a re, e re le fa seboko se se tlhasetse, sengwe se se mo nametsang pelo ke gore ba Lephata la Temo-Thuo ba mo eme nokeng, ka ba sa tswa go etela tshimo ya gagwe go mmontsha maele a go lwantsha seboko seo le gone go mo kaela melemo e a ka e rekang go bolaya seboko seo.
Rre Phillip a re e re le fa seboko se se mo kgopakgopetsa, sengwe se a se itumelelang ke gore ka temo ya mmidi ga a latlhegelwe go le kalo.
A re ka nako ya thobo, mmidi o o siameng o a tlhaolwa o beelwe thekiso fa o mongwe a ithobe matsadi le ba lapa la gagwe.
A re o o omeletseng o a apewa o omisiwe o dirwa ntshwatshwa, o mongwe a dire dijo tsa dikoko, a supa fa tse tsotlhe a di rekisa a bone dipoelo.
A re letlhaka lone o a le roba a kopanye le metswako e mengwe go dira dijo tsa leruo. Rre Phillip o supile fa temo ka go farologana e na le dipoelo fela fa motho a tsenya moko e bile a ititaya sehuba.
O boletse gore kwa tshimong ya gagwe o lema dijalo ka go farolgana di akaretsa le yone merogo go ya ka paka ya tsone.
A re kwa ntle ga fall army worm, sengwe gape se se mo jesetsang mo kgobedung ke dikgabo le bontlole.
Le fa go ntse jalo, a re ga a na kakanyo ya go itlhoboga ka jaana dipoelo tse a di dirang ka temo di mo thusa ka ditsela tse di farolganyeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Maikano Makgolela
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Potsolotso
Date : 24 Mar 2025