Tiriso phetelela ga e a siama
23 Mar 2025
Tiriso ya dilo phetelela e na le di-tla morago tse di maswe tse di ka amang botshelo jwa motho ka kakaretso.
Se se builwe ke dibui ka go farologana kwa moletlong wa letsatsi la mafatshefatshe la Home Economics la kgaolo ya Palapye le le neng le tshwerwe kwa Palapye bosheng. Dibui di buile ka dilo di le mmalwa tse di ka dirisiwang phetelela jaaka dijo, go reka diaparo tse dintsi, dikoloi le didirisiwa ka go farologana. Ba supile fa di-tla morago tsa tiriso phetelela di gogela motho kwa malwetseng a a sa tshelanweng, mathata a madi kana dikoloto le go kgotlela tikologo.
Mogolwane wa tsa dijo wa lephata la Botsogo la District Health Management, Mme Malebogo Ramono a re tiriso phetelela ya dijo e ka bakela motho monono le malwetse a a sa tshelanweng. Mme Ramono a re dipalo tsa ba botsogo di supa fa 32.1% ya bomme ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo mo Botswana ba le bakima fa borre bone e le 9.7%, se e le di-tla morago tsa go tlhoka go ja sentle.
Mme Ramono o rotloetsa batho gore ba seka ba apaya dijo tse dintsi gape ba je selekanyo se se nnye mme e bile go le gontsi merogo. A re go ja sentle ka selekanyo, le go ja dijo tse di siameng ke boikarabelo jwa motho.
Mookamela Banka ya Stanbic Botswana kwa Palapye, Mme Tsholofelo Porakane ene a re tiriso phetelela e ka tsenya motho mo mathateng a madi, a rotloetsa batho gore ba dirise madi mo dilong tse di botlhokwa e seng tse motho a di batlang mme a ka tshela di seyo. Mme Porakane a re go tshela ka go adima madi phetelela go ka bakela motho go kotlomela maikutlo mo go felelang go mo tsisetsa malwetse.
A re fela jaaka batho ba reka diaparo tse di dirisitsweng le bone ba ka phutha tse ba sa di diriseng ba di rekisa ba bo ba bona dipoelo. Mme Porakane a re go botlhokwa gore batho ba buisane le ba malwapa a bone ka dikgang tsa mathata a madi gore ba kgone go berekela mo go se ba nang naso. O rotloeditse banana go itlwaetsa go boloka madi ba dirisa bonnyennyane jo ba bo fiwang ke batsadi letsatsi le letsatsi fa ba ya sekoleng.
Moitseanape wa tsa tikologo mo khanseleng ya Palapye, Mme Olorato Mokwape a re peeletso tiriso ya matlakala e botlhokwa mo go hemeng kgotlelesego ya tikologo. Mme Mokwape a re bogologolo diaparo tse di kgologolo di ne di dirisiwa go dira bompopi, e le tsela ya go busetsa dilo mo tirisong.
Moithuti wa sekole se segolwane sa Palapye, Kefilwe Medupe ene a re go botlhokwa gore puso e akaretsa dithuto tsa madi mo dikoleng gore bana ba tlhaloganye tiriso ya madi ba sa le bannye. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Bokopano
Date : 23 Mar 2025