Borre ba Magapatona ba tlhamile mokgatlho
23 Mar 2025
Borre ba kgotla ya Magapatona kwa Tutume ba tlhamile mokgatlho o o ba thusang fa ba wetswe ke loso.
Mokwaledi wa mokgatlho wa Magapatona Men Sector Burial Group, Rre Stephen Moseki a re maikaelelo ke go thusana ka madi a matshediso. A re madi ao, ba a dirisa go duela motshine o o epang (JCB) mabitla fa mongwe mo kgotleng ya bone a tlhokafetse.
Rre Moseki o boletse fa setlhopha se batla go tila dikgang dingwe tse bangwe ba agang ba supiwa ka monwana gotwe ga ba epe mabitla. A re bangwe batho ba felela ba otlhaiwa fela ntswa gongwe ba pitlagantswe ke dikgang tsa pereko le go direla kgakala le motse.
O boletse fa mokgatlho o setse o na le maloko a le makgolo mabedi, e bile mongwe le mongwe a tlamega go ntsha P20 fa mongwe a tlhokafetse. A re mo setlhopheng seo, ba akareditse banana ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi, maikaelelo e le go ba suga go re ba tsoge e le borre ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.
Rre Moseki a re fa e sale ba bopa mokgatlho oo, kgwetlho e ba nang le yone ke bangwe ba e reng ba thusitswe ba bo ba phuaganya mokgatlho. Rre Moseki a re mokgatlho ga o a remelela mo go epeng kwa mabitleng fela, mme a re ba gakololana ka dikgwetlho tse di mo motseng le go tswa ka methale e ba ka thusanang le boeteledipele jwa motse ka yone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Bokopano
Date : 23 Mar 2025