Makhanselara a Mahalapye a amogela dikomiti
20 Mar 2025
Makhanselara a kgaolo ya Mahalapye a amogetse dikomiti tse maikaelelo a tsone e leng go thusa mo ditlhabololong tse di farologaneng.
Makhanselara a ne a atla dikomiti tseo fa Kgosi Khama IV a ne a ba etetse kwa bokopanong jwa bone jwa khansele a ba a ba lekodisa ka go simololwa ga dikomiti tseo bosheng. Makhanselara a ne a supa fa e le mogopolo o montle o ba solofelang gore fa maloko a dikomiti tseo a ka tlhoafala, matshelo a batho a ka fetoga.
Dikomiti tseo di akaretsa ya bojanala le tshomarelo ya di-tsa tlholego (tourism and heritage), e e itebagantseng le tsa madi (finance and investment), ya banana le metshameko (youth and sports), ya seriti le puseletso (dignity and restoration), ya temo-thuo (agriculture) le ya ngwao (culture and investment).
Makhanselara a kgaolo ya Mahalapye ka go farologana ba ne ba supa fa dikomiti tseo di ka kgona go tlhabolola kgaolo ya bone tsa ba tsa tlhamela banana ditiro. Ba ne ba supa fa dikgaolo di tshwana le tsa Tswapong di ka thusega thata ka di na le tse di farologaneng di tshwana le lefatshe la temo, di-tsa tlholego le ditlhopha tse di farologaneng tsa kgwele ya dinao.
Ba re mananeo a simolola a le mantle e bile a na le tsholofelo gape a supa fa a ka tlhabolola botshelo jwa motho, mme a felela a senngwa ke dikomiti fa go ya pele, ka jalo ba ne ba kopa dikomiti tseo ka go farologana gore di seka tsa fetola maikaelelo a tsone di tlhomame mo torong.
Ba re mogopolo wa go dira dikomiti o ka thusa thata, bogolo jang mo kgannyeng ya banana ba mo nakong eno ba gateletsweng ke letlhoko la ditiro, go iphetisa dino le go dirisa diritibatsi.
Makhanselara a ne a supa fa banana ba tshwanetse go ntshiwa mo go tse di borai le go fiwa tsholofelo mme ba itlama fa ba tlaa ema megopolo eo nokeng ba bo ba thuse morafe go batla fa go ka berekelwang teng.
Ba ne ba ntsha megopolo e e itebagantseng bogolo jang le temo-thuo le tsa bojanala, ba supa fa dikomiti tseo di tshwanetse go dira thata go rotloetsa temo ya nosetso le go somarela di-tsa tlholego.
E ne e rile go le pele, Kgosi Khama IV a supa fa tiro ya bogosi e se go etelela merafe pele fela, mme gape e le go thusa puso go tlhabolola Batswana jaaka go ba thusa go ba direla ditiro, go godisa bojanala le tse dingwe. A re magosi a dirisa makgotla a trust go tlhabolola batho ba mafelo a a kwa go one.
Ka jalo o ne a itsise makhanselara fa a simolotse dikomiti tse di tlaa bong di bereka go tlhabolola dikgaolo mo GaMmangwato le go thusa ba kgaolo go bona ditiro.
A re lefatshe leno le tlhaelelwa ke madi mme go ka nna thona gore magosi a phuthe matsogo fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Mahalapye
Event : Bokopano
Date : 20 Mar 2025