Bogodu jwa megala bo a tshwenya
20 Mar 2025
E tsentse tlhako kgamelong kwa Lobatse ka banni ba toropo eo ba tsweletswetana le go lwantsha bogodu jo bo kekelang jwa megala ya motlakase.
E rile bosheng, banni ba supa tshakgalo mo phuthegong ya kgotla fa ba ne ba rolela ratoropo yo e leng mokhanselara wa Pitikwe, Rre Aaron Ganakgomo, matshwenyego a bone. Ba tlhalosa gore bogodu joo bo dira gore toropo e nne lefifi mme seo se ketefaletsa ba sepodisi tiro ka le mo malwapeng banni ga ba a babalesega mme e bile ba sa tsamaye ka tshosologo mo mebileng bosigo.
Moemedi wa komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana ya Thema kwa Lobatse, Rre Mogomotsi Modise a re Thema o kgakajana le mapodisi, mme a kopa mapodisi go tla go nna foo go thusa go bepa seemo sa borukutlhi joo ba le gaufi.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Serogola Seretse o ne a supa gore le ntswa dipone tsa mebila di tsentswe ba nna mo lefifing ka gore megala ya motlakase e utswiwa nako le nako mme seo se dira gore maiteko a twantsho borukutlhi a itee se fololetse. Mme Miriam Monosi ene o gakolotse Botswana Power Corporation (BPC) go ntsha ditlhare fa megala ya motlakase e fetang teng.
Fa a ba araba, Rre Ganakgomo o amogetse gore ba tlhorontshiwa ke magodu mme seo se turela puso ka gore fa dipone di sena go tsenngwa di tshuba malatsinyana mme dirukutlhi di boe di tsee megala gape, selo se a supang fa se sa jese boeteledipele jwa kgaolo di welang. A re go tserwe tshwetso ya go dirisa marang a letsatsi go tshuba dipone tsa mebila ka puso e babalelwa ke go reka megala ya motlakase kgapetsakgapetsa.
“Ke sone se jaanong go dulweng ka mogopolo wa go dirisa dipone tsa marang a letsatsi go lepalepana le seemo se. Re mo lenaneong la gore jaanong dipone tseo tsa marang a letsatsi jaanong di tlaa gokelwa ka madi a CCP,” a tlhalosa.
Mogolwane go tswa BPC, Rre Olorato Mosinyi a re ditlhare di dintsi mme ba tsweletse ka go leka go di kgaola. O ne a rurifatsa gore go nnete megala ya motlakase e utswiwa ka bokete mme ba tsaya nako e ntsi ba lwantshana le bosula joo, a bolela gore koporasi ya motlakase e senyegelwa ke madi a mantsi go busetsa megala eo ka e le turu.
A re dirukutlhi tseo di a tshwarwa mme morago ba bone di buletswe, a supa gore go ya ka ditshekatsheko tsa bone go a supega gore go utswa batho ba le bangwefela.
“Dilalome tseo di a tshwarwa, beke e e tlang ba buletswe,” Rre Mosinyi a tlhalosa.
Mookamela mapodisi a Lobatse, Rre Boitshepo Kaisara a re dilalome tseo di dirisa boitseanape jo bo kwa godimo ka gore ga se mongwe le mongwe yo o tlhaloganyang motlakase mme e bile ba utswa megala eo motlakase o le teng. O ne a supa gore megala e tsewa motshegare letsatsi le penne, ka jalo setshaba se tshwanetse go ela tlhoko.
A re dilalome tseo di apara dioborolo tse di maleba go timetsa motlhala mme go botlhokwa gore banni ba tlhomamise gore a ke babereki ba koporase. Rre Kaisara a re mogala wa go nna jalo o le nngwe e kgona go ja P145 000, ka jalo o rotloetsa banni go nna badisa ba megala eo le go begela mapodisi fa ba bona sepe se se belaetsang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 20 Mar 2025