Kgosi o kgala go sa tlotla ngwao
20 Mar 2025
Go sa tlotla le go latlhega ga ngwao ga go jese Kgosi Morgan Kenalemang wa kgotla ya Timbi kwa Tutume di welang.
Kgosi Kenalemang a re basha kana banana ke bone ba digogang kwa pele mo go timetseng batho mo go tsa ngwao. A re banana ba na le go tsaya mekgwa le tsamaiso tsa merafe e sele, batla ba di tsenya mo bathong.
Kgosi o gateletse ka go re morafe mongwe le mongwe o na le ngwao le ditsamaiso tsa one, fela jaaka banni ba kgotla ya Timbi le Magapatona ba na le letsatsi la Laboraro o o faphagileng o bitswang nsi ka puo ya Sekalaka.
Kgosi a re Laboraro ke letsatsi le le faphagileng le le seegetsweng fa thoko le go sa letlelelweng balemi go tsena mo tshimong kana go dira tiro epe mo tshimong. A re ka nako ya bone fa ba gola,ope yo o neng a ikgatholosa ditaelo tseo o ne a tseelwa kgato. O ile a bolela fa mo malatsing a gompieno batho ba na le ditshwanelo le dithata ka go dira jaaka ba kgona.
Kgosi Kenalemang o ne a supa fa a atla mogopolo wa Tona ya Dikgaolo le Ngwao Rre Ketlhalefile Motshegwa, wa go tsosolosa ngwao, a re seo se tlaa thusa.
Mongwe wa balemi ba kgotla ya Magapatona, Rre Thabo Makwala a re ba tsholwa ba fitlhela bagolo ba tshegeditse ngwao eo ya go ilela letsatsi la Laboraro ele balemi. Rre Makwala a re balemi ba banana ba lekile go sala morago se mabutswapele a neng a se dira e bile a dumela mo go sone, mme go a ba pitlaganya ka nako ke yone e seyong.
A re e le banana ba lebaganwe ke kgwetlho ya go pataganya tiro le temo ka jalo ga ba na malatsi a mantsi, e bile go ntsha letsatsi le lengwe ke poelo morago le tatlhegelo. O supile fa sengwe se se tsisang ketsaetsego mo go bone ke go re fa ba tlhalefa ba boleletswe fa letsatsi leo le tlhomilwe e le taelo go tswa kwa ga Ngwali.
A re kgang eo ke yone e ba pitlaganyang ka bangwe ba bone ba sa dumele mo go Ngwali. Rre Makwala o gakolotse boeteledipele go ba ruta ka dilo dingwe go re le bone ba di tlhaloganye, e bile fa dingwe go ka lemogwa fa di sena bokao bope di tlogelwe ka jalo go dirwe se se tlaa siamelang batho botlhe.
Mongwe wa mabutswapele, Mme Masolomon Mbika yo e leng ba romiwang kwa ga Ngwali, a re ba tswa kgakala ba ilela letsatsi leo. Mme Mbika a re bogologolo batho ba santse ba tlotla ngwao le go reetsa molao wa magosi, letsatsi leo le ne le tlotlwa.
A re le letsatsi la Tshipi le lone go ne go sa letlelelwe ope go dira sepe ka lone, a gatelela ka go re yo o tlolang molao o ne a atlholwa podi fela ya pholo e e jewang ke morafe.
Mme Mbika a re ka diphetogo di tla ka tsele le tsele, banana ga ba sa tlhole ba tlotla seo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : phuthego
Date : 20 Mar 2025