Lobatse o tlhoka tsosoloso itsholelo
19 Mar 2025
Lobatse, toropo ya ntlha ya lefatshe leno, e humile ditso ka jalo e tlhoka tsosoloso ya itsholelo.
Seo se builwe ke banni ba Lobatse mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke Ratoropo wa Lobatse e bile e le mokhanselara wa Pitikwe, Rre Aron Gaanakgomo, bosheng.
Mongwe wa banni ba toropo eo, Rre Hussein Pandora a re puso e tshwanetse ya ema ka dinao go rudisa itsholelo ya Lobatse ka gore batho ba bantsi mo toropong mme ga ba bereke ka jalo go tshwanetse ga dirwa dikhampani tse di fetlhang mebereko go tsosolosa itsholelo ya toropo. Rre Pandora o ne a supa gore dikhampani tse di dirang kwa Lobatse di a tswala ka ga gona letseno le le kalo mme seo se tlogele babereki le banni mo legoeleleng.
Monni yo mongwe wa Lobatse, Rre Solomon Diphoko ene a re toropo eo e saletse kwa morago ka ditlhabololo mme le ene fela jalo a re e tshwanetse ya emelwa ka dinao go tlhabololwa. O supile gore bontsi jwa dikago tsa mabenkele tse di fitlhelwang mo toropong eo ke tsa batswakwa, mme bangwe ba bone ba setse ba tlhokafetse, bangwe ga ba nne mo lefatsheng leno ebile ga go itsewe kwa ba teng mme mabenkele ao ga a kgatlhe fa a mangwe a tlogetswe e le matlotla.
Ka jalo a re go dirwe melao e e gagametseng go busetsa toropo mo mannong mme go thubiwe makgasa ao go agiwe mabenkele a masha gore e ntshafadiwe go kgatlha leitlho gore bajanala le bagwebi ba tle ba e kgatlhege.
Ratoropo wa Lobatse a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a bone gore tikologo ya lelwapa la gagwe e a tlhagolwa.
“Bophepa jwa toropo ke boikarabelo jwa rona rotlhe mme e bile a tshwanetse a simolola mo malwapeng,” a tlhalosa jalo.
A re dipula tse di tshologileng bosheng di bakile tshenyo mo ditseleng ka di epile dikhuti di le 798 go ralala toropo ya Lobatse mme palo e ka tswa e oketsegile morago ga dipula tse dingwe. A supa gore ba Lephata la Ditsela kwa khanseleng ba tsweletse ka go di katela. Ratoropo a re mesele mo toropong e kategetse jaanong fa pula e na metsi a tsenelela banni mo malwapeng ke ka moo ba khansele ba tsweletseng ka go e katolola.
O ne a tlhalosetsa banni ba kgaolwana ya Thema gore ba tlaa agelwa kgotla ya selebego sa Type 2, mo nakong eno e ntsheditswe madi mme tiro ya go e aga e le mo legatong la go phadisanelwa (tendering stage) mme le tlaa tswalelwa Mopitlo a le 21.
O ne a supa gape gore go tsewa ga matlakala mo toropong eo e ntse e le kgwetlho ka gore ba ba filweng sebaka sa go tsaya matlakala ke khansele ga ba tseye matlakala mme, jaanong dikhampani tseo di tlaa sutisiwa go bo go tsenngwa ba ba tlhoafetseng.
A re go tlaa batlwa beng ba dikhampani tse di nang le dikoloi tse di papetlang, e seng ba matshelonyana, a supa gore matlakala a tshwanetse a tsewa beke le beke gore toropo e lebege e le phepa.
Rre Gaanakgomo o boleletse banni gore puso e tsere tshwetso ya gore dikokelwana di boele kwa dikhanseleng mme jaanong go santse go dirwa thulaganyo ya gore go tlaa dirwa jang. A supa jalo gore go solofelwa gore di bo di busediwa kwa dikhanseleng kgwedi ya Moranang e rogwa jaaka batho ba sale ba kopile.
O ntshitse ngongorego ya gore khansele eo e kolotiwa madi a di-rates a a thusang go tsamaisa toropo go tsisa ditirelo mme jaanong mo nakong eno sekoloto se feta P26 million. Ka jalo a ba kopa go iketleetsa go duela ka gore letlhoko la madi le tsenya khansele bonya go isetsa banni ditirelo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, banni ba ntshitse ngongora ya gore metsi ga a lekane ka jalo ba bolawa ke lenyora. Ba re diphaephe tsa metsi di a thubega, metsi a a dutla, mme go tsaya lebaka le le leele go baakanngwa.
Fa a ba kgwa dikgaba, mogolwane go tswa Koporaseng ya metsi ya WUC, Rre Tshidiso Masisi a re ba amogela dipego tsa go dutla ga metsi di le dintsi mme e bile di a oketsega. A supa jalo gore ba itemogetse gore go thubega kgapetsa-kgapetsa ga diphaephe tseo go dirwa ke gore di dikgologolo mme ba mo lenaneong la go gokela diphaephe tse disha.
Mo kgannyeng ya tlhaelo ya metsi, a re WUC e okametse dikgaolo di le 58 mme ba tlhoka selekanyo sa 21 million cubic litres sa metsi ka letsatsi mme ba kgona fela go ntsha 14 million litres ka letsatsi, a re seo se baka tlhaelo ya metsi.
Le fa go ntse jalo, Rre Masisi a re ba a leka gore bonyennyane jo ba bo bonang ba bo kgaoganye kgaolo. A kaya jalo gore metsi a a nowang kwa Lobatse a dika a tswa kwa matamong a a kwa bokone jwa lefatshe leno. A re fa a sena go pompiwa a feta ka Ramotswa, a mangwe a sale mo metseng eo mme fa a tsena kwa Lobatse a fetela kwa metseng e mengwe.
O ne a ba tlhalosetsa gore ka nako ya fa dipula di na ka bokete, go solofelwa gore go nne le metsi a mantsi, “metsi fa a tsena ka bokete mo letamomg a a kgoberega a nna seretse thata mme seo se ame go tlhatswiwa pele a feta,” a tlhalosa jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Lobatse
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Mar 2025