Moswaane o kgothatsa kereke go lwantsha kgokgontsho
19 Mar 2025
Kereke e kgothaditswe go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong e e yang magoletsa mo lefatsheng leno ka bophara.
Fa a bua kwa pulong semmuso ya phuthego ya kereke ya The New Morian Apostolic Church kwa Chadibe ka Tshipi, mothusa tona wa Dikgaolo le tsa Ngwao Rre Ignatuius Moswaane a re ka fa dipolaano di diragalang ka teng mo malwapeng, go tlhoka lentswe la kgalemo go tswa kwa kerekeng.
Rre Moswaane a re kereke ka lentswe la yone la lefoko la Modimo, e ka dira pharologanyo. A re puso e kgathala thata ka ditshwanelo tsa batho, ka jalo ba kopa popagano gareng ga dikereke le mekgatlho ka go farologana go ema ka lentswe le lengwe go kopa mautlwelo bothoko a Modimo go emisa dipolaano.
O tsweletse ka go tlhalosa gore kereke e tshwanetse ya aga malwapa a a nang le lorato le tlotlo ka jalo go tlhoka kaedi ya baruti le diphuthego go aga malwapa go tsisa kagiso. Mothusa tona a re go a sisimosa ka malatsi a gompieno kgokgontsho e ama mongwe le mongwe le masea tota a a senang se a ka iphemelang ka sone. O ne a re a kereke e tswe lentswe le le tlaa tsisang pharologanyo.
Rre Moswaane o ne a supa gape gore nngwe ya dikgang tse di tshwenyang mo setshabeng ke tsa batho ba ba bolayang ba bangwe ba batla dirwe go dira dipheko tsa khumo. A re seo ke bosetlhogo go nne ga gona jaaka karolo ya motho a bolailwe bosetlhogo e ka direlang motho khumo ka teng.
O ne a tswelela ka gore le ba ba fang batho taela ya gore serwe sa motho ke sone seka ba humisang ba molato. Ka jalo o kopile kereke go bua kgatlhanong le se, go busetsa batho mo poifong Modimo le go ratana.
Mothusa tona o ne gape a kopa banana go tswa mo dilong tse di sa ba direleng bokamoso jo bo ntle, a re ba ikatumetse kwa dikerekeng gore ba kgone go utlwa mafoko a kgothatso a a tlaa fetolang ka fa ba ntseng ba dira dilo ka teng
Fa a tswa la gagwe, Bishop Fact Lebala o ne a supa fa ba itumeletse go tla ga ga Mothusa tona kwa kerekeng ya bone. A tlhalosa fa phuthego ya bone ya Chadibe e le ya boferabongwe ya kereke ya The New Morian Apostolic Church e e tlholegang kwa Marobela. Bishop o ne a re ba tsere molaetsa wa go lwantsha kgokgontsho gareng ga setshaba ka tlhamalalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : Chadibe
Event : phuthego ya kereke
Date : 19 Mar 2025