Seabe sa kereke se tshwanetse go bonala
18 Mar 2025
Kereke e tshwanetse ya dira ditiro tsa bobelotlhomogi le tse di supang lorato mo setshabeng.
Moruti Peter Solomon wa kereke ya Seventh Day Adventist Church (SDA) kwa Tsabong o buile se ka Matlhatso jaaka kereke ya Sabata (SDA) e ne e abela sekole se se botlana sa Ikaneng kwa Maubelo ditilo di le masome a matlhano e le tsela nngwe ya go tsenya letsogo mo go rotloetseng thuto.
Moruti Solomon a re kereke e tshwanetse ya nna sekao mo go tlhomamiseng gore ditiro tse di molemo di bonwa mo go bone jaaka go aba se ba nang naso go tswa mo boteng jwa dipelo go thusa fa go tlhaelang teng.
A re kereke e tshwanetse go tlhokomela, go aga, go boloka, go nonotsha le go bopa setshaba ka go ba atumetsa gaufi le Morena le go ba rerela mafoko aa molemo ka seo se ka ba fa tsholofelo mo botshelong.
Moruti Solomon o supile fa ba tswa kgakala le sekole sa Ikaneng ka go bopa bana go nna le botho, maitseo, poifo Modimo le go nna le maikarabelo a a eletsegang mo setshabeng. A re mpho e ba e ntshitseng ke tsela nngwe ya go tiisa le go tsosolosa botsalano gareng ga sekole le kereke.
Moeteledipele wa banana mo kerekeng ya SDA, Mme Tebogo Motswete o ne a re ditso tsa kereke eo di supa fa Matlhatso mo bekeng ya boraro mo kgweding ya Mopitlo a seegetswe fa thoko e le wa Global Youth.
Mme Motswete o ne a tswelela ka gore e ke tsela nngwe ya go rotloetsa basha go dira ditiro tsa bobelotlhomogi tse di bopaganyang le go tlhabolola setshaba le gone go ba rerela mafoko a a molemo a a ka tsisang pharaloganyo mo matshelong a bone.
A re ba ne ba thulanya ditlhogo morago ga go lebelela matlhoko a sekole se se botlana sa Ikaneng mme ba bona go le botlhokwa go reka ditilo gareng ga tse dingwe gore bana ba kgone go ithuta ka tshosologo.
Motshwarelela mookamedi wa Lephata la Tlhokomelo ya Bana le Thuto go tswa kwa Moding kwa Kgalagadi, Mme Margret Koko, o ne a tlhalosa fa ka ntlha ya letlhoko le le ntsi mo lephateng leo, baeteledipele ba ne ba kua mokgosi go kopa thuso mo dikomponeng, maphata aa ikemetseng le a puso, dikereke le setshaba ka kakaretso go le ema nokeng.
Mme Koko o ne a tswelela ka go tlhalosa fa morago ga go kua mokgosi, Batswana ka go farologana, dikompone le bagwebi ba ne ba ema ka dinao go thusa dikole ka go farologana, selo se ba se opelang legofi thata.
O ne a galaletsa thata mpho e e abilweng ke kereke ya SDA a supa fa ka ntlha ya tlhaelo ya madi, lephata le sa kgone go fitlhelela maikaelelo a lone a go tsenya didirisiwa tsotlhe tse di lekaneng mo dikoleng ka go farologana.
Mme Koko o ne a gwetlha ba-tsaya karolo go tswelela ka mowa oo wa go tsaya karolo le go nna le seabe mo go tsa thuto mme a kopa gape gore le ba bangwe ka bongwe ka bongwe ba ikgethele sekole kana bana go ba tlhokomela.
Mogokgo wa sekole sa Ikaneng, Rre Watson Jacobs, o ne a tlhalosa fa ba tswa kgakala ba tshwaraganye le kereke ya Sabata mo go ageng le go bopa mme a lebogela tiro e ntle e ba e dirileng ka e le maleba ka gantsi bana ba senya didirisiwa tsa sekole.
Mo go lone letsatsi leo, mogokgo Rre Jacobs o ne abela baithuti ba basetsanyana ba le bararo ba ba dirileng go tlala ka diatla ka go tsaya letshwao la ntlha mo maduong a ditlhathobo tsa lekwalo la bosupa ngwaga o o fetileng, madi a a kanang ka P200 mongwe le mongwe wa bone go tswa mo go mogokgo wa pele wa sekole seo, Rre Fannuel Mmereki, e le tsela nngwe ya go ba tiisa moko.
Mokhanselara wa Maubelo/McCathy”s Rust, Rre John Lentshikang o ne popotha legetla kereke eo a supa fa ba thibile phatlha ka jaana go na le letlhoko le le ntsi thata mo dikoleng gammogo le tlhaelo ya matlo a barutabana. Rre Lentshikang o ne a gwetlha dikereke tse dingwe go tsaya malebela mo kerekeng ya Sabata ka ba supile mowa wa go aba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Maubelo
Event : kabo
Date : 18 Mar 2025