Kgosi Kgosimotse o bolokilwe
18 Mar 2025
Kgosi Kgosimotse Sebele I yo o tlhokafetseng kgwedi eno e le lesome le motso morago ga go lwala ka lobaka, o bolokilwe ka Tshipi kwa mabitleng a dikgosi tsa Mokwena kwa Molepolole, a le dingwaga di le masome a supa le boferabobedi (78).
Dibui ka go farologana di kaile Kgosi Sebele e ne e le motho yo o lorato, a le dinyao e bile a rata dilo tse di tlhamaletseng.
Erile fa a gopola ditiro tsa gagwe, mogolowe ebong Kgosi Kgosikwena Sebele I, o tlhalositse fa monnawe e ne e le motho yo o tlhaga e bile a kile a bereka mo sepodising sa Botswana, mme ka jone bonatla jo jwa gagwe, a kgona go thapiwa mo karolong ya sepodisi e e faphegileng mme a felela e nna mongwe wa ba ba neng ba tlhokomela Tautona wa ntlha wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama.
A re e ne ya re morago, Kgosi Sebele a ya go bereka sepodisi sa Afrika Borwa kwa meepong, mme ya re a boela gae, a bereka kwa Financial Service ka lobaka, e le mokgweetsi pele fa a ya go direla kwa kgotleng kgolo ya Bakwena e le mothusa Kgosi ka ngwaga wa 1984 fa Kgosi Kgosikwena e ne e le motshwarelela bogosi jwa Bakwena ka nako eo. A re thulaganyo eo e diragetse sehularong sa ga Kgosi Bonewamang.
Morago ga phatlha e e tswa, Tautona wa pele Sir Seretse Khama, o ne a dira thulaganyo le Kgosi Bathoen yo e neng e le moeteledipele wa kganetso wa phathi ya Botswana National Front ka nako eo, gore Kgosi Kgosikwena a tle go tshwarelela setilo sa bogosi jwa Mokwena ka e ne e le mo-tsaya karolo mo dipolotiking.
O kaile fa kwa morago go ne ga bulega phatlha e nngwe mme Kgosi Sebele a thapiwa go nna mothusa Kgosi kwa kgotleng kgolo ya Bakwena ene e le mothusi wa gagwe. A re o berekile sentle thata le morwarraagwe mo morafe o tlaa gopolang gore ka nako eo, ba ne ba lwantshana thata le botlhoka tsebe mo motseng gore ba tsholeletse serodumo sa motse kwa godimo.
A re dilo tse dingwe tse ba di fitlheletseng ka nako eo ke go simolodisa kago ya leobo le lesaka la kgotla morago ga go tsaya malebela kwa Ga-Ngwaketse gore kgotla e senoge. Kgosi Kgosikwena o supile gore ka nako ya bone, ba ne ba simolodisa tsamaiso ya gore ditsheko di kwalwe, bosupi bo bolokiwe. A re ba dirile jalo ka tshwaragano le dikgakololo tsa ga ramolaomogolo wa nako eo, Rre Phandu Skelemani.
O tsweletse ka go supa gore maiteko a bone a go kwala ditsheko a ne a felela a tsala tsamaiso e nngwe ya go tsisa basekisi ba ba tlhomamisitsweng ke sepodisi sa kgotla le tsamaiso ya go phutha dikoloto .
Kgosi Kgosikwena a re ba kgaogane le merero ya bogosi ba sutela Kgosi Kgari Sechele III fa a tlhongwa mo setilong ka ngwaga wa 2002. Go tloga foo a re Kgosi Sebele o ne a tswelela a dira mo makgotleng a Setswana kwa Gaborone go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi a ya go nna molemi morui.
Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Shima Monageng, le ene o mo kaile e le motho yo o neng a le lorato yo o eleletsang batho dilo tse di molemo.
Kgosi Kgari Sechele III a re Kgosi Sebele e ne e le motho yo o neng a rata go tshega thata, a rata go nna a itumetse le fa ntswa a ne a tle a nne bogale.
Kgosi Kgosimotse Sebele I e ne e le ngwana wa bosupa wa ga Kgosi Kenalekgosi-a-Kebuhula-a-Sebele I-a-Sebele II-a-Motswasele-a-Seitlhamo-a-Motshodi mo kgotleng ya Kgosing kwa Molepolole le Mme Mothusi-a-Simon-a-Kekgonegile-a-Tebele-a-Seitlhamo-a-Motshodi kwa kgotleng ya Botlhajana kwa Molepolole. O tlogela bana ba le babedi, mosimane le mosetsana le mosadi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : phitlho
Date : 18 Mar 2025