Breaking News

Dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse di moono mongwe

16 Mar 2025

Maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ya kgaolo ya Nkange,ba re ditsetlana dingwe tse di laolang tsamaiso ya dikomiti tseo di tlhoka go baakanngwa ka di siilwe ke nako.
Ba buile jalo mo bokopanong jwa maloko a dikomiti tsa metse ya kgaolo eo, badiri ba khansele ya Tutume le magosi kwa Tutume ka Labotlhano.
Ba kopile gore go tlhomiwe komiti e e tlaa sekasekang baikopedi ba ba batlang go nna maloko mme go dirwa jalo go lebeletswe bokgoni le go re motho a bo a dirile dithuto tsa dikole tse dikgolwane.
Mme Thembeka Kelepile yo o neng a bua mo boemong jwa maloko ao,a re ba kopa go re komiti e tseye sebaka se se tsamaelanang le sa ditlhopho tsa setshaba sa dingwaga tse tlhano.
Mme Kelepile a re tiro ya maloko a dikomiti e tshwana fela le ya makhanselara ka ba lebaganye le ditlhabololo tsa motse.
A re magosi a akarediwe mo mererong ya bokopano, bogolo jang dikgosi tsa tletlanyo ka ba ne ba sa akarediwa mo dikomiting tseo,gammogo le ba ofisi ya boipelego.
O ne a re kgang e nngwe e ba ba tlaa e potlakelang ke ya modupi wa dibuka yo o tlaa itebaganyang le go dupa dibuka tsa komiti fela.
A re ba nna ba kopana le dikgwetlho fa ba tshwanetse go rola tiro fa sebaka sa bone se wetse ba emetse go dupelwa dibuka, a tlatsa ka gore fa gongwe dibuka dingwe di a bo di latlhegile.
A gatelela ka go re kgang eo ga e ba jese di welang ka fa go nna jalo morafe o ba supa ka menwana gore ba ikadimile madi a one.
Mme Kelepile a re modupi yo o itebagantseng le komiti o tlaa nna le sebaka sa go tlhodumela dibuka nako le nako mme a kgone go gakolola nako e sale teng.
Mogolwane kwa ofising ya boipelego,Mme Duduetsang Omphile a re bokopano joo e ne e le go tla go kanoka mananeo a a dirilweng ka madi a a neng a abetswe kgaolo a Constituency Community Project (CCP) a ngwaga wa madi o o fetileng,le go tla ka dikopo tse disha tsa 2025/2026.
Mme Omphile a re ka lenaneo la CCP la 2024/2025 go ne ga agiwa ditsela ka ditena kwa Maitengwe, le kwa kgotleng ya Timbi mo tseleng e e yang mabitleng.
Mongwe wa ba-tsena bokopano joo, Rre Liketso Nkhwalume a re bodiredi jo bo tlhokometseng go bona go re tiro e e abilweng e tsamaya sentle, mo dipegong tsa bone bo supile fa mananeo a tsamaya sentle, mme fa ditiro di lekolwa ga fitlhelwa matlhabisa ditlhong, tiro e sa wela.
O boletse fa tiro eo e ne ya kgorelediwa ke dipula tse di gosomaneng ngwaga ono.
Rre Nkhwalume o supile fa mananeo a ditogamaano a ditlhabololo a tlaa simolola moragonyana go santse go wediwa lenaneo la Transitional National Development Plan.
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Tutume, Mme Sylvia Gilika a re maikaelelo a bokopano joo e ne e le go tsaya megopolo mabapi le go tokafatsa ditsetlana dingwe tsa tsamaiso ya dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Tutume

Event : Bokopano

Date : 16 Mar 2025