Breaking News

Lekgotla la kabo ditsha le abela batsetsi kwa Tsabong

16 Mar 2025

Badiri ba lekgotla la Kabo Ditsha kwa Kgalagadi, le le okametseng Tsabong le Hukuntsi ba abetse batsetsi le masea kwa kokelong ya Tsabong dimpho morago ga go lemoga fa bangwe bomme ba tlhaelelwa ke tse ba di tlhokang fa ba sena go belega.
Modiri wa lekgotla la Kabo Ditsha kwa Tsabong, Mme Baemuli Mahube o tlhalositse fa ba simolotse mogopolo oo ngogola, e le ka ntlha ya tirisanyo mmogo le tshwaragano gareng ga lekgotla la kabo ditsha le boeteledipele jwa kokelo.
Mme Mahube a re le fa tiro ya bone e le go abela Batswana ditsha, ba itlamile go tsisa pharologanyo mo matshelong a Batswana, bogolo jang ba ba tlhokang kwa kgaolong, e le go fitlhelela lengwe la matshego a Tebelopele ya 2036, e e bua ka go tlhabolola matshelo (Human and Social Development)
A re ba setse ba kile ba thusa batlhoki ka dijo le go tsenyetsa mongwe thepe ya metsi kwa kgaolong ya Kgalagadi mme ba tlaa tswelela ka go thusa puso fa ba kgonang teng, go tlhokomela batlhoki.
Mogolwane go tswa kwa kokelong ya Tsabong, Mme Margret Ontiretse o galaleditse dimpho, a supa fa di tlaa thusa fa go tlhaelang teng bogolo jang mo go bomme ba ba tsisang botshelo mo lefatsheng.
A re ba kopana le dikgwetlho tse di farologaneng dingwe e le letlhoko la didirisiwa ka nako ya fa bomme ba belega ka bangwe ba tla ba iphotlhere ka lebaka la botlhoki.
Mme Ontiretse o supile fa ka dinako dingwe, ba patelesega go thusa ka go ntsha madi mo dikgwatlheng tsa bone fa ba lemoga letlhoko, bogolo thata fa bomme ba sena go tshola ka masea a tshwanelwa ke go tlamelwa sentle, le go fa bomme seriti.
Dimpho di ne di akaretsa ditlolo tsa masea le bomme, dikojwana, melora, mesangwana ya bomme le tse dingwe.
Mme Ontiretse o galaleditse le go rotloetsa ba lekgola la kabo ditsha la Kgalagadi go tswelela ka tiro e ntle e ba e dirang, ya go fetola matshelo a Batswana.
Moanamisa mafoko kwa kokelong ya Tsabong, Mme Onalenna Kgositau o supile fa mo ngwageng go tsholwa masea a le makgolo a matlhano go ya kwa go makgolo a le marataro kwa kokelong ya Tsabong.
Mothusa molaodi kwa Tsabong, Mme Semakaleng Palai e ne o supile fa kgaolo ya Tsabong e lebanwe ke letlhoko le le ntsi, bogolo jang mo metseng ee kgakala thata le ditlamelo jaaka Struizendam.
Mme Palai o tlhalositse gape fa kgokgontsho e lemosega thata mo malwapeng a a tlhokang mme a supa fa e le boeteledipele, ba tshwanetse go tswa ka ditharabololo go thusa malwapa a a amegang.
O boletse fa kgaolo e na le dipalo tse di kwa godimo tsa tsa basetsana ba ba imang dingwaga tsa bone di sa ntse di le kwa tlase, selo se a supileng se tlhoka thuto ya tsa boiphemelo le go buisanya le batsadi go tlhokomela le go gakolola bana go ikgapha mo dikgannyeng tseo.
Mme Palai o gwetlhile ba lekgotla la kabo ditsha gore nako e gorogile gore ba sekaseke ka fa ba abang ditsha ka teng mme ba dire thulaganyo ya go abela pele bomme ba ba tsholang bana ba le bantsi ba nna mo malwapeng a batsadi ba bone, ka seo se ka thusa gore ba thusiwe ke ba khansele ka bonno go le bonolo ka go lemosegile fa nako e ntsi ba sena ditsha.
Mmaboipelego wa kokelo ya Tsabong, Mme Kesego Rabatoko o supile fa dikgwetlho tse ba kopang le tsone e le baimana, bangwe ba tla go letela go tshola le go ikwadisa ba ise ba ikwadisetse boimana, selo se a reng se tlhoka thuto ya boiphelo le katoloso tsholo ka basetsana bangwe ba felela ba tshola bana ba le bantsi ba sa ntse ba le bannye.
A re ba tshwenngwa ke botlhoka tsebe jwa baithuti ba sekole se segolwane sa Tsabong, jo bo akaretsa boimana jwa basetsana ba dingwaga tse di kwa tlase go simolola ka tse di lesome le botlhano go ema ka tse di lesome le boferabongwe, ba ba sa ntseng ba tsena sekole.
Mme Rabatoko a re ba amogela dikgang tse dintsi go tswa kwa Tsabong, tse di amang botsogo jwa tlhaloganyo, tlhoka kutlwisisanyo mo malwapeng, kgatelelo ya maikutlo e e tseneletseng, tiriso botlhaswa ya nnotagi le go ikgapela botshelo gareng tse dingwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : phuthego

Date : 16 Mar 2025