Monna o fitlhetswe a kaila
13 Mar 2025
Setshaba se tsibositswe go emisa go tsena mo Chobe National Park ba sena teseletso.
Se se tla morago ga gore monna mongwe wa dingwaga tse masome mabedi le bobedi a tshwarwe mo lefelong leo la diphologolo a tsamaya ka dinao ka Laboraro.
Mo potsolotsong le BOPA, mookamedi wa Chobe National Park Mme Catherine Nzehengwa, o tlhalositse fa e rile mo mosong wa Laboraro ba Lephata la Diphologolo le Makgabisa Naga ba amogela pego ya gore go bonwe rre mongwe a kailakaila mo lefelong la diphologolo.
O tlhalositse fa badiri ka ene ba ne ba tsibogela kgang e, mme ba ya go mmatla mo nageng kwa go tweng o ne a le teng.
O supile gore ba ile ba mmona mme a kaya fa a tlholega kwa Kazungula.
A re rre yoo o ile a supa fa a siile kwa lwapeng ka ntlha ya kgotlhang magareng ga gagwe le ba lelwapa la gagwe.
Mme Nzehengwa o tsweletse ka go tlhalosa fa e ne ya re morago ba isa rre yo kwa go ba sepodisi gore ba dire ditlhotlhomiso tsa bone.
A re rre yo, o fitlhetswe ka dipitsa, dikobo, ditlhako, diaparo le dijo tse e rileng a botsolotswa a tlhalosa fa a ne a ikaeletse go di dirisa jaaka a tlaabo a robala kwa lefelong leo la diphologolo.
Mme Nzehengwa a re go ya ka ditlhotlhomiso tsa mapodisi, rre yoo ga ana botlhabetsi mme o pegilwe molato wa go tsena mo lefelong la diphologo a sena tetla.
O ne a supa fa go ralala mafelo a diphologolo a tshwana le Chobe National Park go le diphatsa mo matshelong a batho ka gore diphologolo di kgona go ba gobatsa le go ba gapela botshelo.
O tlhalositse fa molao o o laolang mafelo a diphologolo o sa letlelele ope go fologa koloi mo teng ga mafelo ao.
Mogolwane o ne a kopa banni ba Chobe, segolo bogolo ba Kasane, go emisa go ikatisa mo tseleng fa diphologolo di kgabaganyang teng ka se se ka baya matshelo a bone mo kotsing. ENDS
Source : BOPA
Author : Portia ikgopoleng
Location : Kasane
Event : Potsolotso
Date : 13 Mar 2025