Breaking News

Tikologo e e phepa e ka ngoka bajanala

13 Mar 2025

Modulasetilo wa khansele ya Good Hope-Mmathethe, Rre Gofaone Nkwane, a re mafelo a tshwana le Ramatlabama a tshwanetse go nna a le phepa ka jaana e le one a amogelang baeng mo lefatsheng leno.
A re ke ka moo a dirileng tshwetso ya gore ka tshwaragano le bodiredi jwa khansele, maphata a itshireletso le bodiredi jwa kgoro ya molelwane ya Ramatlabama ba sele matlakala a a mo tikologong eo ga mmogo le sekidi se se fa gare ga mafatshe oo mabedi ka Laboraro.
Modulasetilo o supile fa bontsi jwa matlakala e le a go lemosegang a tswa mo bakgweetsing ba megobagoba, a tlhalosa fa sebe sa phiri e le gore ga gona fa bakgweetsi ba latlhelang matlakala teng.
“Re ikaelela gore re buisane le ba lephata la kabo ditsha gore ba refe lefelo fa megobagoba e emang teng go aga lefelo la matlakala le matlwana a boitiketso.”
Rre Nkwane a re seo ke tsela nngwe e khansele e ka tlhamang mebereko ka yone le gone go itirela letseno.
Leloko la komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Tuelo Malefo o supile fa bone e le banni ba Ramatlabama ba itumeletse tshwetso ya go sela matlakala mo kgorong ya molelwane.
O tsweletse ka gore ba tlaa netefatsa gore go ya pele, ba tlaa ne ba phuthega mme ba sele matlakala ka jaana lefelo leo le ntse le sa lebege sentle.
A re ba ikaelela go tshwaragana le khansele mme ba senke tharabololo e e tlaa ba tswelang molemo ka seemo seo.
O dumela fa ba ka buwa le ba dikgwebo tse di ikemetseng gore e nne bone ba thusang ka seemo seo, le gone go netefatsa gore matlwana a boitiketso a teng.
Monni wa Ramatlabama, Mme Outlwile Lekgetho, a re lefelo leo le ntse le sa kgatlhe gotlhelele, mme jaanong tumelo ke gore go ya pele ba tlaa tshwara ka thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Ramatlabama

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Mar 2025