Pandamatenga o tlaa akola thobo
11 Mar 2025
Mabele a a tlaa rojwang kwa masimong a Pandamatenga mono ngwaga a akanyediwa go tshwara ditone tse 70 000.
Mothusa modulasetilo wa Pandamatenga Commercial Farmers Association, Rre Ryan Neal o buile mo potsolotsong gore lewa le le kalo le solofetswe ka ntlha ya dipula tse di namagadi le seemo sa loapi se se monate.
A re sejalo se sengwe se se tlang sentle ke dinawa, a tlatsa ka go re go dingwaga masimo a sa phophoma jalo.
Rre Neal o solofetsa gore fa seemo sa loapi se ka tswelela se le monate jaana, balemi ba Pandamatenga ba ka jesa Botswana mo go lekanyeng go fitlhelela letsema le le tlang.
Rre Neal o gateletse botlhokwa jwa gore balemi ba itshwaraganye le puso go buisana le basidi ba ba lemotsha fa balemi ba Batswana ba na le mabele a a lekanyeng mmaraka.
Mo godimo ga moo, o ne a re go molemo gore basidi ba reke mabele mo baleming ba mo gae, e bile ke selo se se siameng gore balemi ba mono gae ba rekisetse Batswana pele go na le go romela thobo kwa mafatsheng a sele.
Rre Neal o bile a tshwaela gore difalana tse di sa tswang go bulwa kwa Pandamatenga tsa mothama wa 60 000 metric tonnes di fa balemi monyetla wa go lema go utlwala gore mabeelo a penologe, a tlatsa ka go re, go botlhokwa gore Botswana Agricultural Marketing Board, e leng motlhokomedi wa difalana, e tlhagafalele dituelo
O ne a lebogela puso go bo e tsentse tsa kgopho ya metsi dingwaga tse di supang tse di fetileng ka jaana go dira jalo go thusitse gore e re dipula di na masimo a seka a ema metsi.
Balemi ba Pandamatenga ba re diji ga di maswemaswe jaaka di bolelwa kwa dikgaolong tsa Legare le Borwa jwa Botswana le fa go na le masalela a seboko sa segopa fale le fale mo masimong mangwe.
Rre Neal o gakolotse balemi go ralala lefatshe la Botswana gore ba peite dijalo ka molemo wa seboko sa segopa pele ga se tlhasela go na le go leka go se alafa se setse se tlhasetse.
A re ka jaana Pandamatenga a dikaganyeditswe ke dikgwa tse di kitlanyeng, thaga ga e ise e tlhasele masimo ka e santse e eja peo ya tlhaga mo sekgweng.
Mothusa modulasetilo a re kitsisoya ga Tautona Advocate Duma Boko ya gore Botswana o tlaa lema setlhatshana sa hemp go dirisiwa mo go direng dithoto le melemo ke dikgang tse di molemo.
A re temo ya hemp ke monyetla o mogolo wa Batswana gore ba atolosa temo-thuo ka jaana semela seo se ka lengwa mo mebung e e farologanyeng.
A re ka hemp e le semela se sesha go lengwa le kwa mafatsheng a mangwe tota, go botlhokwa gore go elwe tlhoko loago lwa yone le gore melawana ya teseletso ya go e lema e salwe morago mogang e tswang.
Mo godimo ga moo, a re hemp e siametse go nonotsha mmu e bile e siametswe ke mmu wa Pandamatenga. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : Pandamatenga
Event : Potsolotso
Date : 11 Mar 2025