Breaking News

Lefatshe le itemogela tlhaelo ya madi

10 Mar 2025

Mothusa Tautona e bile e le Tona wa Madi Rre Ndaba Gaolathe,  a re lefatshe la Botswana le lebaganwe ke tlhaelo ya madi ka lebaka la dikoloto.
E rile a buisa baagi ba Masunga, Mulambakwena, Vukwi, Letsholathebe, Mosojane ka Labotlhano mo phuthegong ya kgotla kwa Masunga, Rre Gaolathe o ne a tlhalosa fa lefatshe le le mo tshokolong ka ntlha ya seemo se sa madi.
A re le fa seemo sa madi se le makgwakgwa, puso e tlaa tsosolosa itsholelo ka go dira ditirelo tsa phatlalatso ya metsi, mesepele ya diterena le mhama wa kgotetso.
Rre Gaolathe o ne a solohetsa ha matlhabelo a BMC a ya go tsosolosiwa le go bona gore khamphani ya Botswana Vaccine Institute e simolola go rekisa kwa mafatsheng a sele e le tsela ya go tlhama mebereko.
O ne gape a supa fa ba ikaelela go fetola seemo sa khamphani  ya motlakase gore ba fetlhe motlakase mme go bo go nna le yo o o anamisang, se e le tsela e nngwe ya go tlhama mebereko.
Rre Gaolathe o supile fa puso e ikaelela go oketsa motlakase o o ntshiwang ke koporase eo go fitlha kwa go 8 000 megawatts ka ngwaga mme go lebeletswe go dira jalo ka tiriso ya marang a letsatsi ka tsholofelo ya go rekisa kwa ntle.
Mo go tse dingwe, Rre Gaolathe o ne a re tiriso ya maranyane e mo lenaneong go netefatsa go dira ka bonatla le tokafatso maduo. “Se se ka kgonega ka go tokafatsa ditirelo tsa sekole sa badirela puso ka se se ka tokafatsa dikitso le botsipa ja badirela puso go ka ntsha maduo mo tirong,” ga rialo Rre Gaolathe.
E rile a amogela baeng, Kgosi Thabo Maruje III wa Masunga o ne a leboga puso ya UDC ya diphathi tse di ikopantseng mo phenyong ya bone a ba eleletsa katlego mo ngwageng tse tlhano tse di tlang.
O ne gape a leboga phathi ya kganetso le goromente yo o sa tswang go tswa ka dingwaga tse di masome a matlhano le boferabobedi e ntse e busa. Kgosi Maruje III o lebogetse kamogano ya puso e e supegeditseng lefatshe kgololesego e e renang mo lefatsheng la Botswana.
O ne a kopa puso  go tseela kwa godimo kabo ya lefatshe go ka ba solegela banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba molemo ka jaana  ba tlhaelelwa ke lefatshe la mafudiso le temo.
E ne e rile gole pele, modulasetilo wa ditlhabololo tsa motse Mme Lechani Khubile a kopa tshireletso mo maranyaneng a tlhalosa fa a kelemile ka badirisi ba one ba dirisa ditlhapa mo bagolong. O ne gape a kopa dituelo tsa badiri ba komiti ya ditlhabololo le go duelelwa bokopano jo bo haphegileng le tse di le rulaganyeditsweng ka di le dintsi.
E rile ba akgwa motshwarelela Tautona dikgaba, modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Moses Mpuchane a re maloko a komiti eo ga ba na dikatso kana dituelo, mme a kopa gore ba akanyediwe.
Rre Mpuchane a re se se ka ba kgontsha go dira tiro ya bone ka botlalo a tlhalosa fa letlhoko la madi le paledisa ba bangwe go palama ba ya go dira tiro ka ba sa bereke, se, se dira gore dikomiti tse dingwe di se kgone tiro ya tsone.
A re tse dingwe di ama letlhoko la boroko jwa barutabana, tlhatloso maemo le go hudusiwa go ya kwa mafelong a mangwe. Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Tshesebe, Rre Daniel Moipolai o ne a kopa gore puso e bule matlhabelo a Francistown ka go sena kwa ba isang dikgomo teng a tlhalosa ha ba jewa ntsoma ke ba ba rekelang marekisetso a nama.
E rile a a fa malebo, mopalamente wa Tati West, Rre Justin Hunyepa a re ga go ka ha tshwanelong gore khansele ya Bokone Botlhaba e ye go reka dilwana kwa Selebi Phikwe a tlhalosa fa madi ao a tshwanetse go tlhabolola le go godisa dikgwebo tsa kgaolo.
O tlhalositse gore kgaolo e kopa dithuso tsa ditima molelo kwa Tutume le Francistown mo e reng ha dikoloi tse di timang molelo di goroga go bo go sena mosola fa go lebeletswe tshenyo e e setseng e diragetse mo dithotong tsa puso le setshaba.
Gape o ne a tlhalosetsa Rre Gaolathe  fa dikole, diofisi tsa mapodisi, dikokelo le dikago tsa puso di le  di kgologolo gape di kgautlhanye, ka jalo di tlhokana le madi  go baakanngwa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goweditswe Kome

Location : Masunga

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Mar 2025