Kgosi o kopa bomme go rotloetsana
10 Mar 2025
Kgosi Martha Lebang wa Palapye o kopile bomme go rotloetsana le go itumelela katlego ya ba bangwe.
Fa a bua ka Labotlhano kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la bomme kwa Palapye, Kgosi Lebang a re go na le bomme ba ba setseng ba fitlheletse tse mo nakong eno puso e lwantshang gore ba di fitlhelele mme dingwe tsa tsone e le go tsena mo sepolotiking ba sa tshabe mashetla a borre, go bula dikgwebo tse bangwe ba tsayang gore di ka tshwanela borre, go dira dithuto tse mo bogologolong go neng go tsewa gore ke tsa borre le tse dingwe.
Ka jalo Kgosi Lebang o ne a akgola bomme bao, a supa fa e le bagaka mme ba tlhokana le bomme ba bangwe gore ba ba eme nokeng. Kgosi Lebang a re bomme bangwe ba gogela kwa thoko mme ba leke go digela mme yo o itekang kwa tlase.
A re bangwe ba bomme ke bone ba logang maano a go diga mme yo mongwe jang mme fa gongwe mme yoo a felele a wetse fa fatshe ka go tlhoka kemonokeng. A re se ke sone se se tlaa kgoreletsang maiteko a go rotloetsa bomme.
O ne a rotloetsa bomme go tsamaya le ditlhabologo ba seka ba salela kwa morago.
A re lefatshe leno le tswa kgakala le rotloetsa bomme, ka jalo go dulwe mo segologolong se bomme ba neng ba ganelwa ka menyetla e tshwana le ya thuto le maemo mo ditirong. O ne a fa sekai ka maemo a bogosi a mo bogologolong go neng go sa dumelwe fa mme a ka a tshwara, a supa fa mo nakong eno bomme ba le bantsi mo lefatsheng leno e le dikgosi e bile ba kgona tiro.
A re lefatshe leno le dira gotlhe mo go kgonagalang go rotloetsa bomme gore ba fitlhelele bokgoni jwa bone mme ke jaaka go buiwa thata ka bone e bile mo dinakong tse dingwe go dirwa mananeo a a ba rotloetsang jaaka a dikgwebo.
Kgosi Lebang a re ntswa lefatshe leno le fitlheletse dingwe tse di rotloetsang bomme, go na le dikgoreletsi. A re bomme le bana ba basetsana ga ba tshele sentle ntateng ya dikgang tsa kgokgontsho e tshwana le ya dipolao, dititeo le gone go dirisiwa botlhaswa ga basetsanyana. O ne a kopa borre go itshekatsheka, a supa fa dingwe tsa dikgoreletsi tsa go ipelela bomme e le yone kgokgontsho.
Fa a arogana le ba batla pitsong ka kgang ya tekatekanyo ya borre le bomme, mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelego mo khanseleng ya Palapye, Mme Rosinah Maoba a tlhalosa fa tekatekanyo e le fa botlhe ba fiwa monyetla wa go iteka lesego.
A re fa ba fiwa sebaka jalo go lejwa gore mme o tla a na le dikgwetlho kwa a tswang teng go gaisa rre.
A re ntswa go fiwa batho menyetla e e lekalekanang, go lejwa kgang ya gore bone ba ba fiwang monyetla bao ba a farologana jaaka go na le ba-na-le bogole, bomme le borre. A re pele ga go nna le tekatekanyo go tshwanetse go nne le tlhamalatso.
Mme Maoba a re ntswa go na le kgang ya tekatekanyo bomme ga ba a re ba batla go lekalekana le borre ka marapo, mme ba re fa rre jaaka e le tlhogo ya lelwapa o tshwanetse a lemoge gore mme o na le dikakanyo le a di tsenye mo teng. A re mo nakong eno lefatshe la Botswana ga le ise le fitlhelele seelo se se ipeetsweng. O supile fa lefatshe leno le mo maemong a bo 66 mo mafatsheng a le 146 fa go lebelelwa gore jaaka go saenetswe ditumalano tse di itebagantseng le bomme. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Letsatsi la mafatshefatshe la bomme
Date : 10 Mar 2025