Noka ya Molopo e tsweletse ka go tshela
05 Mar 2025
Banni ba Werda mo Kgaolong ya Kgalagadi Borwa ba gakolotswe go tlhokomela bana le go ba ela tlhoko gore ba seka ba tshamekela gaufi le noka ya Molopo ee gaufi le motse wa bone.
Mo potsolotsong le ba BOPA maabane motshwarelela mookamela mapodisi a Werda Assistant Superintendent Percy Kerekang o ne a tlhalosa fa noka ya Molopo e simolotse go tshela kgwedi eno e simologa morago ga dipula tse di neleng bosheng.
A re go bolelwa fa metsi a ne a elela ka bokete kwa Bray ka a ne a khurumeditse terata ya molelwane, mme mo nakong ya gompieno a setse a fetile Werda, a tshela a iketlile a lebile meraka ya Barksteen go ya Makopong. O tlhalositse fa go tshela ga metsi go ka oketsega fa pula e ka tswelela e na.
Assistant Superintendent Kerekang o ne a tswelela ka go tlhalosa fa noka ya Molopo e elela go ya Makopong, mme gongwe ka lesego a ka fetela kwa pele. O ne a gakolola batsadi go ikela tlhoko le go ikgapha mo go kgabaganyeng noka eo, mme gape a ba kopa go kgalemela bana bogolo jang ba dikole go sa tshamekela gaufi le metsi ao ka a le borai mo matshelong a bone.
A re metsi a kgona go tla ka ditshidi di tshwana le dinoga, ditlhapi le tse dingwe. O boletse fa go fitlha mo nakong eno mapodisi a ise a begelwe tiragalo epe ee bakileng tshenyo kana go nwela ga batho mo nokeng eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Werda
Event : Potsolotso
Date : 05 Mar 2025