Breaking News

Ba Gasita le Lorolwane ba mo patlong ya monna

05 Mar 2025

Go boloditswe letsholo la go batla rre mongwe yo go bolelwang fa a timetse kwa merakeng ya Loratle eleng mo magareng ga motse wa Gasita le Lorolwane, dikhilomethara di ka nna tharo go tsena mo Lorolwane.

Go ya ka Kgosi Dineo Mothoemang wa Gasita, go begilwe fa Rre Lebele Mothoemang a sale a tsamaile ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola lesome le bone mo mosong go ya go batla letsomane la gagwe. Kgosi Mothoemang o tlhalositse gore letsholo le, le boloditswe morago ga gore setlogolo sa ga Rre Mothoemang a tle go kua mokgosi kwa bogosing ka Matlhatso a tlhola masome mabedi le bobedi.

O lekodisitse mopalamente wa kgaolo ya Kanye Borwa Rre Victor Phologolo le molaodi wa kgaolo ya Kanye, Rre Mompoloki Mochanang ka seru se jaaka mopalamente a ne a ile go lekola seemo sa tshenyo ya pula kwa metseng ya Gasita le Lorolwane ka Matlhatso.

Kgosi Mothoemang o tlhalositse fa Rre Mothoemang, ene e le mogolo yo a bileng a neng a na le bokoa jwa tlhaloganyo. O tlhalositse fa Rre Mothoemang e le morui wa letsomane yo o tshelelang ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlogolo wa gagwe kwa merakeng ya Loratle e e magareng ga Gasita le Lorolwane.

Gape o ne a tlhalosa fa Rre Mothoemnag a tlholega kwa Kanye mo kgotleng ya Sekokotla mme e le monni wa motse wa Gasita kwa kgotleng ya Kgosing. Mme Selebedi Sethaile, yo o tlhalosistseng fa e le kgaitsadia Rre Mothoemang, o tlhalositse fa Rre Mothoemang a ne a emelela kwa bonnong ja bone ja moraka maphakela maikaelelo e le go ya phutha le go gopola letsomane la gagwe.

Fa a tswelela ka tekodiso, Mme Sethaile o tlhalositse fa basimanyana ba mo lwapeng ba ne ba emelela maphakela ka letsatsi la Labotlhano ba sa itsese malomaabone e leng Rre Mothoemang gore ba tla a ya go gopola letsomane.
“Mme ka go sa itse le ene a phakelela go ya patlong ya letsomane la gagwe ka jaana letsomane le ne le sale le tsamaile go le Labone,” ga tlhalosa Mme Sethaile.

O ne a tswelela ka gore mme batlogolo ba ga Rre Mothoemang fa boa kwa madisong, ba tlhalositse fa ba ne ba lemoga motlhala wa ditlhako tsa ga malomaabone di kgabotse mo mebileng mengwe. Fa a ntsha la gagwe, Ramapodisi wa Sejelo, Rre Mogomotsi Matlapeng o tlhalositse fa Rre Mothoemang a ise a bonale le gore ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Relief Lephutshi

Location : Gasita

Event : Potsolotso

Date : 05 Mar 2025