Moswaane o rotloetsa therisano
04 Mar 2025
Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatius Moswaane o rotloeditse baeteledipele ba kgaolo ya Palapye go nna le mowa wa therisano le popagano gore ba kgone go tlhabolola motse wa bone.
O tlhalositse jalo ka Mosupologo, mo phuthegong e e neng e akaretsa baeteledipele ba maphata a puso le ba makalana a a ikemetseng ga mmogo le makhanselara.
O supile fa popagano le therisano ele mmangmang e bile ele tsone di ka tsisang ditlhabololo mo motseng.
O ne a ba kopa go ntsha maduo a a eletsegang, a supa fa puso e le mo dithulaganyong tsa go dira lenaneo la ditlhabololo le lesha.
A re phathi e e busang ya UDC e tla e tshwere maitlamo a yone a e tshwanetseng e a dire. Ka jalo, o ne a kopa ba kgaolo ya Palapye gore ba nne le seabe mo tsamaisong ya go bona gore go nna le lenaneo le le ntseng jang la National Development Plan 12 le la ditlhabololo tsa dikgaolo.
O ne a gakolola batsena phuthego gore ba itse maitlamo a puso, ba bo ba a nyalana le lenaneo la ditlhabololo go tsisa ditirelo tse di tlaa fetolang matshelo a Batswana.
Rre Moswaane a re go tlaabo go se maleba gore e re phathi ya UDC e busa, maitlamo a yone a bo a beetswe fa thoko, ka jalo a tshwanetse a ikgakololwe mme baeteledipele ba sepolotiki jaaka makhanselara ba a arogane le baeteledipele ba maphata gore Batswana ba itse se ba se tshepisitsweng.
O ne a rotloetsa botlhe go tlhomamisa gore ope a seka a salela kwa morago, mme mongwe le mongwe a iphitlhele a akola mananeo a ditlhabololo e bile a na le seabe mo go one ka thulaganyo e e dirilweng, e bile ba itse gore ba direla Batswana.
O ne a ba tlhomamisetsa fa ba na le baeteledipele ba tlhwatlhwa e leng Tautona wa lefatshe leno Advocate Duma Boko le mothusi wa gagwe Rre Ndaba Gaolathe ba ba nang le dithutego tsa semolao le tsa itsholelo.
Rre Moswaane o ne a kopa baeteledipele ba sepolotiki gore ba dirise badirelapuso ba bo ba ba botse dipotso fa ba sa tlhaloganyeng teng ka ba eme ka tlhomamo go rurifatsa gore ba kgona tiro ya bone. A re ba tshwanetse ba ba botse dipotso mo go tse ba sa di tlhaloganyeng gore ba nne le dikitso.
Gape a re puso ya nako eno ke ya ditshwanelo, ka jalo ga e dirise maikutlo e bile e tlhomame ka badirelapuso ba ba leng teng.
O ne a ba kopa go beela kwa thoko dikgatlhego tsa bone tsa sepolotiki, mme go lebiwe ka fa modirelapuso a ntshang maduo ka teng ka mongwe le mongwe a itse tiro ya gagwe le se a tshwanetseng go se dira.
Rre Moswaane o ne a gwetlha botlhe go dira ka natla le go ntsha maduo a a bonalang mo ditirong tsa bone mme ba beele fa thoko tsotlhe tse di ka ntshiwang ke ba ba sa tlhaloganyeng. A re ga go a tshwanela gore go tshwarwe ope ka letsogo la molema.
Fa ba a kgwa Mothusa Tona dikgaba, makhanselara ka go farologana ba ne ba supa fa ba lebogetse leeto la gagwe mme ba kopa gore kgaolo ya Palapye e tlhabololwe ka go dira ditsela tse di mo teng ga motse, go dira mesele ya kgopo ya metsi a dipula le go agelwa dikole tse dingwe tse dipotlana le tse dikgolwane ka motse wa bone o gola ka lebelo le letona.
Ba re Palapye o itemogela tshologelo ya batho ba ba nnang mo go one bontsi e le ba ba batlang ditiro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 04 Mar 2025