Breaking News

Go ipelega go ka boloka ba-na-le bogole

04 Mar 2025

Ba-na-le-bogole ba tshwanetse go nna le mowa wa boipelego, go ikemela le go fokotsa go baya sengwe le sengwe mo pusong.

Modulasetilo wa lekgotla la Botswana Federation of the Disabled (BFoD) yo gape a eteletseng pele Southern Africa Federation for the Disabled Womens Wing, Mme Boikhutso Majang a re se, se tlaa ba thusa go ikemela ka dinao gore e re ba thusiwa, ba bo ba setse ba itshegetse tema.

O ba kopile go nna ka tsholofelo le go seka ba inyatsa.

“Re le ba-na-le-bogole, re tshwanetse gore re iteke, goromente o re thusa ka gore le rona re a iteka, a re se ka ra batla go direlwa jaaka ngwana yo monnye. Ga re a tshwanela go anywela mashi ruri,” Mme Majang a kgothatsa.

A re puso e ba tsaya ka tlhwaafalo ka gore mokgatlho wa BFoD, o o tlhamilweng ka 2007, o emetse ba-na-le-bogole botlhe mme o wela ka fa tlase ga lephata la ga Tautona.

O kaile fa puso e ne ya fetisa molao o o ba sireletsang mme tsholofelo e le gore o tsene mo tirisong mo bogaufing.

Mme Majang o rotloedietse gore go baakanngwe mafelo a setshaba gore ba-na-le-bogole ba kgone go a dirisa ka tshosologo mme go ya ka molao, ba ba sa direng jalo ba tlaa tseelwa dikgato tse di maleba.

A re khansele ya ba na-le-bogole e tsile go dikologa le dikago go bona gore di a baakanngwa, go ntsha dikgoreletsi fa BFoD, e tlaa netefatsa gore molao o a diragadiwa.

O kaile fa ba-na-le-bogole ba ba dirisang dikolotsana ba ketefalelwa ke go dirisa dipalamo tsa setshaba.

Mogolwane go tswa khanseleng ya ba-na-le-bogole, Mme Malebogo Okatswa a re United Nations Convention on Rights of Persons with Disability, e dumalanwe ka 2001 mme Botswana o itlamile go diragatsa ditsetlana tsa yone.

A re ba-na-le-bogole ba a kgethololwa mo ditirong le kwa malwapeng, kwa ba tsewang jaaka bana ba bannye mme e le bagolo, ba tseelwa ditshwetso ka jalo, go botlhokwa gore ba ipuelele go emisa kgethololo.

Mme Okatswa a re molao wa mafatshe o tlama gore ba-na-le-bogole ba fiwe ditshono, go sa lebelelwe seemo sa bone mme a re, go botlhokwa gore mo-na-le-bogole a simolole pele ka go itlotla, gore go tlotliwe seriti sa gagwe, ba tseye karolo mo setshabeng go godisa itsholelo.

Fa a tswa la gagwe, Mme Thelmah Poloko a re e le batlhokomedi ba ba-na-le-bogole, ba goga bokete ka ga ba kgone go iphataphatela ka baabo ba ba tlhokometse mme a kopa puso gore e ba akanyetse.

A re yaare fa bommaboipelego ba dira ditshekatsheko mo malwapeng a ba-na-le-bogole ba bo ba dirisa destitute policy mme bo-na-le-bogole le bohumanegi ke dilo tse pedi tse di sa tshwaneng ka jalo se, se tshwanetse sa elwa tlhoko. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : Lobatse

Event : Bokopano

Date : 04 Mar 2025