Kgokgontsho ya bong e ama botlhe
03 Mar 2025
Dikgang tsa kgokgontsho ya bong ke matshwenyego, di ngomola pelo ebile di ama batho botlhe,.
Seno se builwe ke molomaganya ditiro wa lekgotla le le ikemetseng la Renale-Seabe Rre Oaitse Pelaelo.
O buile mafoko a bosheng kwa Lobatse jaaka gone go tshwerwe puisano ke maphata a puso le makalana a a ikemetseng, a bolela fa kgokgontsho e kgona go ama motho le fa e ne e sa lebagana le ene.
Rre Pelaelo o tsweletse a supa fa maikaelelo a puisano e le go rutana, go kgothatsana le go fana maele, ka gore bangwe ba tshidile ka kgokgontsho ya bong ka nako e telele ba sa e lemoge; ka jalo a re mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa gore ene o dira eng go lwantsha kgokgontsho ya bong.
Mme Tshephang Moleofhe, go tswa kwa lephateng la bong o supile gore dipalo tsa ngwaga oo fitileng, kgwedi ya Phalane go tsena kgwedi ya Sedimonthole, dipalo tsa dititeo di nnile lesome le bofera bongwe, di ne di wetse tlase ga go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2023 kgwedi ya Phalane go tsena Sedimonthole di le masome a mabedi le botlhano, tsa dipolaano tsone 2023 go gatisitswe e le nngwe, ngwaga wa 2024 go sa gatisiwa epe.
Mo go tse dingwe, Mme Moleofhe o tlhalositse gore dikgang tsa tiriso ya bana ba ba kwa tlase ka dingwaga mo go tsa tlhakanelo dikobo tsone ngwaga wa 2023 go tswa ka kgwedi ya Phalane go tsena kaya Sedimonthole go gatisitswe bone, mme ngwaga wa 2024 go sa gatisiwa sepe fa tiriso ya ba ba sa itekanela ka 2023 ka kgwedi ya Phalane go tsena Sedimonthole go sa gatisiwa sepe mme 2024 go gatisitswe di le nne.
A re dikgwetlho di teng jaaka bangwe ba ikuela mme e re morago ba tsholole dikgetsi tsa bone, batsadi le bone ga ba kgalemele bana ba felela ba nna diganka ka bangwe bana ba inaakantse le tiriso ya ditagi.
Kgosi Serogola Seretse wa kgotla ya Motswedi mo Lobatse a re dikgang tse tsa go lwantsha kgokgontsho di simologile e le go leka go lemoga mathata a gore go simologile kae.
O boletse gore kgokgontsho ya bong e ka nna kwa lwapeng, kerekeng kana gongwe le gongwe fela, a tlatsa ka gore ke maikarabelo a Motswana mongwe le mongwe.
Modulasetilo wa borre mo Lobatse (Men Sector chairman) Rre Emmanuel Motsemme o kopile gore dikgang tsa kgokgontsho ya bong di begwe kwa go ba maleba, a tlatsa ka gore batho botlhe ba tshwanetse go tsaya kgato gore seemo se boele mo taolong.
A re go botlhokwa gore go simololwe go lemogiwe modi wa kgokgontsho ya bong, ka gore sechaba le malwapa, a a sa itumelang a gobetse ke go tlhoka thulaganyo e e siameng e tsepame ya lelwapa.
Rre Motsemme a re rre ke moeteledipele wa lelwapa; mme o dira kwa go nang le lorato teng a gogelwa ke tlotlo, atlatsa ka gore fa monna a rata mosadi wa gagwe go motlhofo gore mosadi a mo tlotle.
Mo go tse dingwe o ne a re monna o solofelwa gore a nne le madi, mme a sa rutwa go nna le boikarabelo, atlatsa ka gore kwa lekalaneng la borre ba fiwa nako ya go bua le go itlhalosa.
Mogolwane kwa ofising ya boipelego kwa khanseleng ya Lobatse Rre Allan Rampefe o boletse gore go botlhokwa gore motho a bue, atlatsa ka gore ba kopana le batho ba le bantsi ba ba farologaneng ka dikgwetlho tse di farologanyeng.
A re ba tsaya dikgang tsa kgokgontsho ka tlhwaafalo, e bile ba eletsa gore e fele, atlatsa ka gore dingwe tse di tlwaelesegileng ke kgokgontsho ya maikutlo, ka go buisiwa mafoko a a sa siamang ke batsadi a bolela gore seemo se se gobatsa motho mo nakong e telele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Phuthego
Date : 03 Mar 2025