Breaking News

Lekgotla le ruta ka tshenyetso setshaba

03 Mar 2025

Tshenyetso setshaba ke sengwe sa dilo tse di ka kgautlhanyang itsholelo ka jalo, setshaba se rotloediwang go bega dikgang tsa tshenyetso setshaba kwa ba bonang e diragala teng.

Seno se builwe ke komiti ya twantsho tshenyetso setshaba ya lekgotla la kabo ditsha la Tati fa ba tlhatlhelela le go abelana megopolo le banni ba Mambo le metse e e mabapi, kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba,

Rre Kenneth Osupile go tswa kwa lekalaneng la twantsho tshenyetso setshaba le go gopela itsholelo kwa Francistown, o supile fa tshenyetso setshaba e le mmaba o o amang mongwe le mongwe ebile e sa tlhaole gore e ka dirwa ke mang.

O kgothaditse setshaba go nyorelwa go dira tse di siameng ka dinako tsotlhe, ka maikaelelo a go nyeletsa tshenyetso setshaba.

A re banana jaaka e le bone bokamoso jwa lefatshe, ba tshwanetse ba di goga kwa pele mo go lwantsheng tshenyetso setshaba ka gore fa go sa nne jalo, kokomane e tlaa sala mo legoeleleng.

Rre Osupile a re setshaba se tshwanetse sa tlhaloganya fa tshenyetso setshaba e tla ka methale e e farologaneng, mme ebile e kgona go simolola motho a e dira selo se senyenyane mme mo tsamaong ya nako go bo go diragala tse dikgaolo.

A re mengwe ya metlhale eo, ke fa bodiredi jo bo filweng boikarabelo jwa go thusa setshaba ka go farologana ba sa diragatse tiro ya bone sentle le go dira dilo ka tshokamo, ga mmogo le go sa direleng dilo mo pontsheng.

Rre Osupile a re go sa thusang batho ka nako mo le go dirisa maemo a motho a a filweng botlhaswa le gone ke tshenyetso setshaba.

A re bontsi jwa Batswana ba mo diemong tse di thata tsa botshelo e le ka go bo bangwe ba gopetse meamuso ya lefatshe e e neng e tshwanetse go ba tlamela.

Rre Osupile a re ba ikemiseditse go lwantsha tshenyetso setshaba ka gotlhe, a re ke ka moo ba dirileng thulaganyo ya go nna ba etela dikole, go tsibosa le go kgalema baithuti kgatlhanong le go inaakanya le yone.

A re ba lemogile gore seo se ka thusa bana go gola ba na le mowa wa go ila tshenyetso setshaba.

Leloko la lekgotla la kabo ditsha la Tati, Mme Fatima Makgethe a re Botswana o mekamekane le namane e tona ya tiro mme go le botlhokwa gore maphata le setshaba ba tlhatlhelelwe ka yone go sireletsa itsholelo ya lefatshe.

Mme Makgethe a re mo mabakeng mangwe, bangwe ba inaakanya le tshenyetso setshaba ka ntlha ya go tlhoka kitso.

A re tshwaragano ya ba na-le seabe mo ntweng kgatlhanong le tshenyetso setshaba, e ka thusa go dibela itsholelo ya lefatshe gore le tlhabologe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Mambo

Event : Phuthego

Date : 03 Mar 2025