Komiti e lekodisa morafe ka lekgotla
02 Mar 2025
Komiti ya lekgotla le le tlhokomelang matlotlo le meamuso ya morafe wa ga Ngwaketse la Bathoeng II Trust, e sa tswa go lekodisa morafe ka fa e tsogileng ka teng le go alela morafe motlhala ka tiro ya bone, fa e sale komiti e tsaya marapo Mopitlo ngwaga o o fetileng.
Fa a begela morafe kwa kgotleng kgolo ya Bangwaketse ka Laboraro, modulasetilo wa Bathoeng II Trust, Rre Prince Chibana o supile gore matshwenyego a komiti e lebaganeng le one ke go fitlhela komiti e le mo dikolotong go tswa kwa dingwageng tse di kwa morago.Selo se a tlhaolositseng fa se busetsa morago komiti go boloka lemmenyana le le bonalang.
O ne a tlatsa ka gore go itaana ka noga e tshela ga maloko a komiti go tsisa maduo a go sa dira sentle ga komiti ka jaana go sena tshwaragano. A re se ke mangwe mathata a a rotloetsang go sa ititaya ka thupana gammogo le go sa bonale kgotsa go goga maoto ga maloko mangwe mo ditaletsong tsa bokopano jwa lekgotla.
Rre Chibana a re seo se kaiwa fela ke go sa bonale ga maloko mangwe a matlhano mo go a a lesome a a neng a tlhophilwe ke morafe.
“Re na le kgwetlho ya gore komiti ga e a rutuntshiwa le go supegediwa go ka tsamaisa tiro,” ga bolela Rre Chibana, ka jalo a itela mo go ba ba maleba go ba tswa thuso.
O begile fa komiti e lebagane le dikgwetlho tsa dikgang tsa lefatshe le lephata la kabo ditsha mo Kanye. A re go na le mafatshe mangwe a ba kabo ditsha ba tsayang dituelo mo go one e le mafatshe mangwe a Bangwaketse. A re dipoelo tseo di tshwanetse go akolwa ke Bangwaketse e seng lekgotlana la kabo ditsha jaaka go lebega mo mabakeng mangwe.
Ka jalo one a kopa morafe go dira komiti e e tlaa lebaganang le go kaya meamuso ya ba Ga Ngwaketse gope kwa e ka tswang e le teng, gore Bangwaketse ba e itse le gore, e kwadisiwe ka fa molaong. Rre Chibana o tlhalositse gape fa komiti e na le kgwetlho ya molao motheo o jaanong o siilweng ke nako.
Molao motheo o, go tlhalosega fa kgotlakgolo ya ditsheko e ne ya ntsha taolo ya gore makgotla otlhe a a tlhokometseng matlotlo le meamuso ya merafe a buse melao-metheo ya one go fetolwa ka ngwaga wa 2021.
“Mme molao motheo o o baakantsweng wa lekgotla la Bathoeng Trust o sa tswa go goroga, mme ga re ise re kgone go o sekaseka,” ga tlhalosa Rre Chibana.
Go sale foo, Rre Chibana o tlhaloseditse morafe fa ene le lekoko la gagwe e le matlho a morafe mo meamusong ya ga Ngwaketse e tshwana le sekole se se golwane sa tiro ya diatla, mabentlele a supa a a itsegeng ka leina la (7 Shops) a jaanong mo nakong eno a oketsegile go nna lesome.
O ne a tswelela ka gore sekole se segolwane sa tiro ya diatla se segologolo, ga mmogo le matlo a sekole seo a jaanong a thusang badiri ba sekole ka boroko, gammogo le phiriso e le dingwe tsa meamuso e komiti e di dirisang e le tsela ya go dira letseno.
Fa a tswelela o ne a tlhalosa ka lefelo la Mmakgodumo le a supileng gore le gabedi e leng; Mmakgodumo ka fa letlhakoreng la tsela e kgologolo ya Ranaka, a re ke naga e mo go yone e leng bonno ja dinonyane (Bird Sanctuary). O tlhalositse fa naga e e le mo sekiding sa diekere tse di makgolo a ferang bongwe.
A re bontlha jo bongwe ke Mmakgodumo ka fa Ramatea Ranch. Lefelo le a supileng le le diekere tse di dikete pedi le makgolo a ferabobedi.
“Lefelo le, bogologolo le ne le dirisediwa temo ya raese le diperekisi,” ga tlhalosa Rre Chibana yo o neng a tlatsa ka gore polasi eo gape e na le matamo a le mabedi a ka gongwe ba ba nang le kgatlhego ba ka itshupang go ka dira dikopo tsa ditlhabololo tsa dikgwebo tsa nosetso kgotsa go fetlha motlakase.
Rre Chibana o begile fa komiti e ne ya tsaya tshwetso ya go tsosolosa moletlo wa Ngwao wa Mmakgodumo Cultural Festival ngwaga o o fetileng. Tsosoloso ya moletlo o, e dirilwe ntle le dituelo dipe go tswa mo setshabeng ka jaana morafe o no o tseneletse mokete oo mahala le gone go rekisa mahala kwa moletlong maikaelelo e le go itsese morafe fa jaanong moletlo o boetse, ga bolela Rre Chibana.
O tlhaloseditse morafe gore ba ne ba kgona moletlo oo ka thotloetso go tswa mo makalaneng a a farologaneng le bangwe mo morafeng jaaka khamphani ya Colours of Sounds, lekalana la Botswana Tourism Board le ba bangwe. O ne a tlhalosa fa komiti e na le maikaelelo le tebelopele ya go dira dipapadisanyo tsa kgwebo le bangwe ba ba ka supang kgatlhego go tla ka megopolo le ditlhabololo tse di ka tsisang dijo mo mogopong wa Bangwaketse.
Fa ba akgela bangwe ba morafe, ba iteetse komiti legofi ba tlhalosa fa mo ditsong tsa komiti e, ba ise ba ke ba utlwe ka tsamaiso e e kgatlhisang jaaka go supile mo pegong ya ga modulasetilo. Morafe o atlile megopolo ya komiti ka jaana bangwe ba supile fa komiti e na le tebelopele ya go godisa itsholelo le go fetola matshelo a Bangwaketse.
Ba rotloeditse modulasetilo go dirisa dithata tsa gagwe go ya ka kaedi ya molao motheo go tseela maloko a a tswang mo tseleng dikgato a sa okaoke. Ba amogetse ka tsoo-pedi kopo ya ga modulasetlo ya go dira komiti e e tlaa emang ka dinao go supa le go tsena mo dipuisanong tsa go phutha mafatshe a Bangwaketse mo mafelong a a mo Kanye le mabapi.
Fa a akgwa modula setilo dikgaba, Kgosi Motswakgakala Sealetsa, o ne a ema go itshupa fa pele ga morafe gore o amogela kopo ya ga modulasetilo le go ithaopa go ntsha kaedi ka meamuso ya Bangwaketse kwa e leng teng, mo Kanye le mo mafelong a mangwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Kanye
Event : Phuthego
Date : 02 Mar 2025