Borre ba kgotlhadiwa go tsibogela botsogo jwa bone
27 Feb 2025
Borre ba kgotlhadiwa go fetola boitsholo, mekgwa le dikakanyo mo go tsa botsogo le kgokgontsho ya bong.
Se se builwe ke mogokaganyi wa tsa botsogo wa kgaolo ya Palapye Rre Thuso Ernest kwa bo kopanong jwa borre kwa Kerekeng ya UCCSA mo Palapye bosheng.
Rre Ernest a re batshwentswe ke dikgang tsa botsogo jwa borre ka ba tsaya ditlamelo tsa botsogo ka go ngosela fa gongwe ba setse ba gateletswe ke makowa.
A re borre ba maoto a tshupa go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS a tlhalosa gore keletso ya ba botsogo ke gore motho mongwe le mongwe a itse seemo sa gagwe sa mogare wa HIV/AIDS.
Rre Ernest o tlhalositse gape gore ba rotloetsa go itlhatlhoba ga bakapelo ga mmogo le gore ba ba amilweng ke mogare ba bo ba tsaya diritibatsi.
O bile a rotloetsa borre go dira loaro la borre le areng le fokotsa kgonafalo ya go tsenwa ke mogare le go dirisa dikausu go itshireletsa.
Rre Ernest o boletse fa borre ba amega thata mo dikganyeng tsa kgokgontsho,tiriso botlhaswa ya dinotagi , dipetelelo, tiriso botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo ya bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase le kanamiso ya mogare wa HIV/AIDS.
Mogolwane wa lephata la Bong Mme Malebogo Abesai a re lefatshe leno le itemogela kgolo ya kgokgontsho ka mefuta.
Mme Abesai a re kgokgontsho e gongwe le gongwe le ko dikerekeng tota ka jalo a rotloetsa borre go ema ka dinao go lwantsha kgokgontsho le gone gore kereke e nne le seabe ka go ruta ka yone.
A re borre ba kereke ba tshwanetse ba nna sekao, ebile ba rute bana ba basimane tsela ee siame ya go tshela le batho ba bangwe.
Fa a tswa la gagwe Moruti wa kereke ya UCCSA kwa Palapye Reverend Boikobo Nthobatsang a re botsogo bo botlhokwa ka jalo a kgotlhatsa borre gore ba nne le boikarabelo jwa go itlhokomela le ba malwapa a bone.
Moruti Nthobatsang a re mmele wa motho ke tempele ya Modimo ka jalo se se tsenngwang mo go o ne e tshwanetse ya nna se se molemo.
A re borre ba iphitlhela ba goga motsoko, ba a nwa bojalwa, ba nna le bakapelo ba bantsi a tlhalosa fa dilo tse di koafatsa mmele le itsholelo ya lelwapa.
Moruti Nthobatsang a re botsogo bo tla pele ka jalo a rotloetsa borre go itlhokomela fa basa ikutlwe sentle ba potlakele go bona ba botsogo.
A re kereke ya UCCSA e tla ema ka dinao go thusa puso go ruta borre tsela e e siameng ya go dira dilo sentle ka botsogo le go lwantsha kgokgontsho ya bong.
Mongwe wa borre, Rre Phenyo Kgosidialwa a re kgang ya kgokgontsho e supa borre thata ka monwana mme le bone ba a kgokgontshiwa mathata mme ga ba e bege kwa molaong.
Rre Kgosidialwa a re dithuto tse di botlhokwa mme di batla go simololwa kwa dikolong ka gore go kgokgontshiwa bana, barutabana le batsadi kwa malwapeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : bokopano jwa borre
Date : 27 Feb 2025