Breaking News

Khansele e dira ditshekatsheko

26 Feb 2025

Mokwaledi wa khansele ya Ghanzi, Rre Samuel Aron, a re ba itlama go dira ditshekatsheko tse di tseneletseng ka boremelelo jwa metswedi ya metsi a a mo tikologong ya motse wa Kuke.
 Rre Aron o tlhaloseditse BOPA fa ditshekatsheko di tlaa ba thusa go tlhaloganya ka botlalo tlholego le motsamao wa metsi le go dira kago ya mesele ya metsi.
A re go ya ka dipego tsa morwalela wa Kuke, go tlhalosiwa fa banni ba ne ba itemogela tshologelo ya metsi ka bokete ka dingwaga tsa 2017 le 2021 mme morago ga ngwaga tse nne gape monongwaga, seemo seo se a ipoeletsa.
Rre Aron a re ga gona kago ya mesele ya kgopo ya metsi mo motseng, mme a supa fa ba tlaa ya go thulanya ditlhogo le baitseanape, go bona gore go agiwa mosele wa sennela o o ka emelanang le bokete jwa metsi go babalela matshelo a batho gammogo le dithoto tsa bone mo isagong.
Mo go tse dingwe, o supile fa mo ditogamaanong tsa ditlhabololo ba tlaa tswa ka methale ya go bona gore go bolokiwa metsi ao, gore banni ba ka a dirisa mo leruong le ditiro tse dingwe tsa selegae.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Thapatso David o tlhalositse fa metsi ao, a tswa kwa bophirima jwa motse kwa kgaolong ya Kobe, kwa go nang le makadiba a matona a metsi mme fa dipula di ka na ka bokete, go nna le kgonagalo ya merwalela ka ntata ya lobopo lwa makadiba.
O kopile banni go nna pudi matseba, go babalela matshelo a banni gammogo le leruo.
Mogolwane go tswa Kwa komporaseng ya metsi mo Ghanzi, Rre Omphemetse Kealeboga, o tlhalositse fa dipula tse di sa tswang go gosomana bosheng, di sa ama mafaratlhatlha a kgokelo ya metsi mo kgaolong, ka jaana setshaba se tsweletse ka go sielwa metsi.
Rre Kealeboga o supile fa kwa Ghanzi ke gone ba ne ba itemogela go penologa ga metsi a kgopo e leswe ka ntata ya kgaogo ya motlakase, mme a supa fa ba ne ba leka ka bojotlhe go busetsa seemo mo taolong.
O ne a gwetlha setshaba go beeletsa metsi a pula le go a boloka go ipaa mo tshiamelong gore fa go ka nna le seemo sa go kgotlelesega ga metsi, bone a bo ba sa sokole. ENDS

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Kuke

Event : Potsolotso

Date : 26 Feb 2025