NAHPA e rotloetsa botsalano jwa batsadi le bana
26 Feb 2025
Mooki yo mogolwane mo kokelwaneng ya Robelela, Rre Buyendasi Raditsebe a re tiriso botlhaswa ya bana ba dingwaga tse di ko tlase mo go tsa tlhakanelo dikobo mo Robelela le metse e e mabapi e tsaya phekelo e sele.
Rre Raditsebe o buile jalo mo dithuto-puisanong tse di neng di rulagantswe ke ba National Aids and Health Promotion Agency NAHPA, go rotloetsa pabalesego, botsogo jwa bana ga mmogo le botsalano fa gare ga bana le batsadi ba bone.
A re go itshupa fa bana ba dingwaga tse di ko tlase ba dirisiwa botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo mme ba felele ba tsenwa ke malwetsi ka go farologana a tlhakanelo dikobo.
A re bana ba ba amegang ke ba basetsana ba dingwaga tse di lesome le botlhano go ya kwa go lesome le borobabobedi, a supa fa seo se beile botsogo jwa bana bao mo diphatseng ka jaana bangwe ba itoba go fitlhela seemo se nna maswe, fa bangwe ba ima ka bonana.
Rre Raditsebe a re ka ngwaga wa 2023 le wa 2024, go gatisitswe dipalo tsa boimana jwa bana ba dingwaga tse di ko tlase dile lesome. O tlhalositse fa mo kgweding ya Firikgong le Tlhakole ngwaga ono, ba gatisitse dipalo di le lesome le bobedi tsa bana ba ba nang le malwetsi a tlhakanelo dikobo.
Rre Raditsebe a re sengwe se se ngomolang pelo ke gore dingwe dikgang tsa mofuta oo di a lobiwa, ka jaana ba sepodisi ba felela ba sena kitso ka tsone. Motsadi mongwe, Mme Chilongo Molefhi le ene o tshwaetse fa tlhokomelo ya bana ke bangwe batsadi e reketla, a supa fa bangwe batsadi ba na le seabe e bile ba rotloetsa dingwe ditiro tse di sokameng di akaretsa tshenyo ya boimana.
A re boitsholo le go tlhoka boikarabelo ka dikgang tse di gogomosang jaaka ya tshenyo boimana ke sengwe se se busetsang maiteko a botsogo morago, gape go dira gore bana ba tlhoke botho fa ba kgalemelwa ke ope motsadi mo motseng ntle le ba malwapa a bone. ENDS
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : Robelela
Event : Thuto-puisano
Date : 26 Feb 2025