Breaking News

Tshenyetso setshaba ke kankere

25 Feb 2025

Mothusa Tona wa Lephata la Dikgaolo le tsa Ngwao, Rre Ignatius Moswaane o kgadile tshenyetso setshaba e e diragalang mo maphateng a puso, a e tshwantshanya le kankere.

O buile jaana kwa phuthego e e neng e akaretsa bagolwane ba maphata, makhanselara le dikgosi.

Rre Moswaane a re meamuso ya puso e tshwanetse go akolwa ke Batswana ka kakaretso go sena kgethololo. O gateletse thata kgang ya ditiro tse di abiwang ke khansele bogolo jang tsa kago, a re fa go kgonagalang teng, di seka tsa fiwa kompone e le nngwe.

Rre Moswaane a re ditiro tsa madi a mantsi di tshwanetse go dirwa ke dikompone tsa Batswana e bile ba tshwanetse go hira beng gae go fokotsa letlhoko la ditiro.

Rre Moswaane o kgadile menahune ya gore badirelapuso ba tlaa latlhegelwa ke ditiro. 

A re ba ba ka latlhegelwang ke ditiro ke ba ba dirileng mengwe melato e e ka tswang e amana le tshenyetso setshaba.

O rotloeditse badirelapuso go dira tiro ya bone ka natla le tlhwaafalo, seo e le go direla Batswana le lefatshe la Botswana.

Mo go tse dingwe, Rre Moswaane a re puso e tsere tshwetso ya go tsholetsa serodumo sa bogosi.

 A re bogosi bo tshwanetse go tlotlwa gore go supafale fa  bo le teng. Mothusa tona o tsweletse ka go supa fa puso e dira gotlhe go tlhabolola thuto mo  lefatsheng leno ka go aga dikole le go di tlhabolola. Are se se utlwisang botlhoko ke go bo bana ba senya tsone dikago tse, a kopa batsadi go kgalema.

Rre Moswaane o gakolotse ba lephata la ditsha go abela dikomiti tsa ditlhabololo tsa motse ditsha gore di kgone go dira letseno la madi ka go aga matlo a phiriso le go lema masimo. 

Are seo, se ka thusa dikomiti go tlhamela batho mebereko le go tlhabolola metse ya bone.

E rile a ntswa la gagwe, Mokhanselara wa Mokobeng/Ngwapa, Rre Joseph Molamu o kopile ba lephata ba boipelego go netefatsa gore botlhe ba ba kobo-dikhutshwane le ba-na-le bogole ba bona thuso.

A re tshekatsheko e e dirwang e tshwanetse ya supa gore ba ba sa boneng thuso mabaka ke afe. 

O gakolotse makhanselara otlhe go sala dikgang tse morago mo dikgaolwaneng tsa bone ba netefatse gore botlhe ba thusiwa ka lorato. 

Kgosi wa kgotla ya Flowertown Rre Joseph Manowe o tlhalositse fa tsamaiso ya komiti ya ditlhabololo tsa motse e tshwanetse go nna le boleng ka go tlhopha batho ba ba sekasekilweng.

A re komiti e tshwanetse ya nna le maloko a a sa dirang melato epe ka e beelwa go tlhabolola motse le go bereka ditiro tse di nang le boleng. ENDS

Source : BOPA

Author : Victoria Kesimolotse

Location : Mahalapye

Event : Phuthego

Date : 25 Feb 2025