Breaking News

Lephata le lwantsha seboko sa segopa

25 Feb 2025

Lephata la Temo-Thuo le simolotse go gasa dibolaya diji go lwantsha seboko sa segopa se se tlhasetseng mo dikgaolong tsa Barolong Farms.

Mme Lambani Osekeng, yo o okametseng lekalana la twantsho diji mo lephateng la Temo-Thuo, o tlhalositse gore ba bone gole maleba go potlakela go lwantsha seboko seo, se se setseng se tloga se fetsa beke se ntse sele mo kgaolong.

Mme Lambani a re ba bone go tshwanela go itlhaganelela go thibela kanamo ya sone.

O supile gore fa seboko seo, se sa potlakelwe, sena le bokgoni jwa go dira tshenyo ee masisi mo phulong le mo dijalong. 

“Seboko se, sa segopa se dingalo ka gore seja bosigo le motshegare mme e bile se anama ka bofefo,” a tlhalosa.

O rotloeditse balemi go itlwaetsa go tlhagola go itsa gore se seka sa anama thata. Mme Lambani o supile fa ba kopile thuso mo badiring ka bone mo mafelong a seboko seo se seyong mogo one gore ba kgone go fefogela go se laola. 

Mongwe wa balemi ba ba neng ba tlhasetswe ke seboko se, Rre Pitinyane Molefe wa masimo a Molete o tlhalositse gore seboko seo se dirile tshenyo mo tshimong ya gagwe.

A re seboko seo, e re le ntswa sena le malatsi fela a le mararo mo tshimong, fase fetileng teng ga goa nna sentle. O akgoletse ba lephata la temo-thuo go bo ba tsibogile ka nako. ENDS

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : Molete

Event : Interview

Date : 25 Feb 2025