Breaking News

Dipula di ba tlogetse mo legoeleleng

25 Feb 2025

 Balemi bangwe ba masimo a Ratlhong gaufi le motse wa Machana ba iphitlhetse ba le mo legoeleleng morago ga dipula tsa bosheng.
Kgosi Mogotsi Marotwane wa motse oo, mo kgaolong ya Moshupa, are le mororo go sena dipego tse a di amogetseng tsa tshenyo ya dipula kwa motseng wa gagwe, malwapa mangwe kwa masimong a Ratlhong a nnile le ditiragalo tsa go wa ga matlo a Setswana.
Mo potsolotsong ka Tshipi, Kgosi Marotwane a re seo se tlogetse malwapa mangwe a tlhaelelwa ke bonno fela thata, selo se a supileng fa se tshwenya ka jaana go bonala fa pula e ise e fete.
O boletse gore le ntswa bangwe ba amegile, o itumelela gore morafe wa gagwe o tsere ka tlhwaafalo kgakololo ya gagwe ya bosheng ya gore banni ba itlhokomele go tila dikotsi tse di amanang le metsi.
“Ke ba gakolotse mo phuthegong e ke neng ke e tshwere bosheng gore ba itlhokomele. Ke ba lemotshitse gore metsi ga a tlhoke gore a bo a le mantsi gore a nne diphatsa mo botshelong jwa motho,” o ne a tlhalosa jalo.
Tebang le temo ya monongwaga, kgosi o supile fa ba ba beileng ditema ka dipula tsa ntlha ba tlaa dika ba orile molelo wa mariga ka ntlha ya dipula tse di tsweletseng ka go na.
A re pula e e simolotseng go na mo bekeng e e fetileng e file dijwalo tsa ditema tsa ntlha tshiamelo ya go gola ka nako, mme a tlhalosa fa tsa ditema tsa bofelo tse bontsi bo di lemileng mo kgweding eno di lebanwe ke kgonagalo e e kwa godimo ya go tlhabelwa ke phefo ya paka ya mariga di ise di butswe.
Kgosi Marotwane o rotloeditse balemi go baya seemo leitlho gore e re mariga a atamela dijwalo dingwe di ise di butswe ba di boloke ka go direla leruo la bone dijo ka tsone.
A re go dira jalo go ka thusa leruo la bone mo dipakeng tsa fa phulo e le boutsana, mme e bile gape go ka direla balemi ba go nna jalo letseno ka ba ka boa ba rekisetsa banni ba bangwe ba le bone ba ka iphitlhelang ba tlhoka go fepa leruo la bone.
Mongwe wa balemi ba masimo a Ratlhong Mme Manana Maretetse o boletse fa go digwa ke pula ga matlo a lelwapa la bone a Setswana a le mabedi go ba baketse seemo se se ngomolang pelo sa tlhaelo ya bonno.
Mme Maretetse a re tlhaelo ya bonno e ba iphitlhelang ba le mo go yone e botlhoko segolo jang ka go nale bana ba sekolo mme seo, se tla ba kgoreletsa mo dithutong tsa bone. Molemi yo mongwe Rre Montshonyana Tshotlo yo ba lelwapa la gagwe ba setseng ka ntlo e le nngwe morago ga gore e nngwe e gosomane mo bekeng e e fetileng a re le fa a le mo thulaganyong ya go fuduga fa a leng teng, go wa ga ntlo eo go mmeile mo kgatelelong e kgolo ka jaanong a tlamega go baakanyetsa khuduga ka lepotlapotla.
Go sale foo, Mme Bojang Tefo ene o falotse seru se se wetseng balemi-ka-ene ka ntlo ya gagwe yone e santse e itshegeleditse kgatlhanong le dipula.
Mme Tefo a re le fa gone a agile ka ditena tsa mmu, go di jesetsa ka taka ya semente go nonotshitse ntlo ya gagwe fela mo go nametsang, mme a supa fa a ikaelela go e dila ka kwa ntle ka taka go itsa ditena go kolobediwa ke metsi a pula.
Kwa bokopanong jwa bosheng jwa komiti ya kgaolo ya Kanye ya dibetso tsa tlholego, mogolwane wa lephata la tsa tlhokomelo ya dijwalo (Department of Crop Production) Rre Oaitse Keikitse o ne a supa fa gantsi balemi-barui ba amiwa ke go wa ga matlo ka nako tsa dipula tse di bokete.
A re matlo a a sa kgoneng go emelana le diemo tsa loapi tse di sa iketlang a baya matshelo a batho mo diphatseng, ka jalo go le botlhokwa gore balemi-barui ba itlwaetse go aga matlo a boleng jo bo kwa godimo go sireletsa matshelo a bone le a badisa ba bone. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : Keonee Majoto

Location : Machana

Event : Interview

Date : 25 Feb 2025