Breaking News

Tsaya tiro ya lona ka tlhwaafalo

23 Feb 2025

Baruti ba kgaolo ya Selebi Phikwe le metse e e mabapi e tshwana Tobane, Sefhophe, le Mmadinare ba kopilwe go dira tiro ya bone ka lorato go ya ka dineo tsa bone.

Se se builwe ke mookamedi wa lekalana la BOCHAIP, Moruti Bridget Mphusu mo bokopanong jo bo neng bo rulagantswe ke ba lekalana leo ga mmogo le ba lephata la bong bosheng kwa Selebi Phikwe.

Bokopano jo bo ne bo itebagantse le go tlhatlhelela baruti botlhale jwa go itebaganya le go nna le seabe mo dikganyeng tsa go lwantsha kgokgontsho ya bong e e tsweletseng ka go kukela mo lefatsheng ka bophara.

Moruti Mphusu o ne a tlhalosa fa nako e gorogile go re lentswe la baruti le utwale mo dikgannyeng tsa go kgokgontshiwa ga batho mo malwapeng mme ba dira jalo ba ikaegele ka lefoko la Modimo.

O ne a tlhalosa fa lefoko la Modimo le nonofile go fetola seemo sa motho yoo mo kgatelelong ya maikutlo fa le dirisiwa ka boammaaruri.

Moruti Mphusu a re nako e tsile ya gore puso e simolole go ba akaretsa fa go dirwa ditlogamaano tsa lefatshe. 

A re seo se ka diragala fela fa le bone ba ka tsaya tiro ya bone ka tlhwaafalo. O ne a kaya fa lekgotla la BOCHAIP le sa jesiwe monate ke dikgang tsa kgokgontsho ya tlhakanelo dikobo mo baneng ba basetsana mme e dirwa ke baruti ba e ka bong e le bone basireletsi ba bone.  O ne a tlhalosa fa kereke e le yone e batho ba tshabelang kwa go yone fa ba imetswe mme go solofelwa lerato le pholo.Moruti Mphusu o ne a kgotlhatsa baruti go ntsha dikgoreletsi le ditumelo tse di sa ageng mo dikerekeng ka nako dingwe e le tsone di gakatsang kgokgontsho.

O ne a ba rotloetsa go ruta bana ba basimane go tlhokomela le go sireletsa ba basetsana ka se se ka bopa setshaba se se lerato e bile se le kutlwelo botlhoko.

Mme Boitumelo Morapedi go tswa kwa lekalaneng la BOCHAIP, o ne a tlhalosa fa dikereke mo nakong ya gompieno di le mo kgatelelong ya go tsamaisiwa ka fa lefatshe le batlang ka teng le ntswa motheo wa kereke o sa rialo.

Fa a tswa la gagwe mookamedi wa lekgotla la baruti mo kgaolong ya Selebi Phikwe, Bishop Kesegofetse Mandelo o ne a kgotlhatsa baruti go ntsha dikgoreletsi tsotlhe tse di rotloetsang mowa wa kgokgontsho mo dikerekeng.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Selebi Phikwe

Event : Bokopano

Date : 23 Feb 2025