Komiti e eme sejaro go inakanya le seemo sa bosa
23 Feb 2025
Komiti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo ya Moshupa e thulantse ditlhogo go ipaakanyetsa mabaka a a ka bakiwang ke seemo sa bosa mo kgaolong.
Se se boletswe ke molaodi wa Kgaolo ya Moshupa, Mme Tebogo Hlabano mo potsolotsong le BOPA ka Labone.
Mme Hlabano o kaile fa kgaolo ya Moshupa e kwadisitse palo ya malwapa a le lesome le bosupa a a amegileng ka ntlha ya dipula.
O tlhalosistse fa bontsi jwa malwapa a a amegileng e le a balemi ka jaana paka eno e le ya pula, a re se se raya gore bontsi jwa batho ba nna kwa masimo. O ne a tlatsa ka gore matlo a setswana ke one a amegileng ka jaana mohuta oo wa matlo o sa kgone go emelana le seemo se se feteletseng sa pula.
Mme Hlabano a re bangwe ba malwapa a a amegileng ba kgonne go tshegediwa ke ba masika ka jalo go santse go sena ba ba isitsweng kwa mafelong aa kgethetsweng go amogela batswa setlhabelo.
O ne a tlhalosa fa go se botlhokwa go ka dirisa ditante ka jaana seemo sa mmu se sa tlhole se ka thusa mo go bapoleng tante. A re seo ga se ree gore ditante ga ditlhokafale. O ne a tlhalosa fa a kopetse kgaolo ya Moshupa ditante di ka nna masome mabedi.
“Se se maleba gone jaana ke go fudusetsa ba ba amegileng kwa dikagong tse di baakanyeditsweng go thusa ka bonno, ka jaana e le dikago tsa sennela ruri tse di se nang matshosetsi a go ka amega mo seemong sa pula.
O ne a tlhalosa fa ba thusitswe ka dikago tsa dikereke le matlo lehalahala a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse ka go farologana. A re komiti ga e a kopa tiriso ya dikole ka jaana thuto e ka nna ya tsweledisiwa nako nngwe le nngwe.
“Le fa go ntse jalo, mangwe malwapa a le mararo kwa Ralekgetho a ganne thuso ya banamodi, go ba a fudusa mo malwapeng a bone”. Ga tlhalosa jalo Mme Hlabano. A re ba tlhalositse fa ba ka se kgone go kgaogana le dithoto tsa bone.
O kaile fa lekoko la gagwe le le malala a laotswe go ka thusana le banni ba kgaolo ya Moshupa.
O tlhalositse fa ba dirile tsamaiso ya go amogela dipego tse di amang seemo se mo sebakeng sa oura nngwe le nngwe. A re ba dira se e le mokgwa wa go tsibogela seemo.
Mme Hlabano a re ka kgolagano le ba koporase ya metsi, didiba tsa metsi tse di ko Polokwe di tla lejwa ka leitlho le le tseneletseng go tla go laola seemo sa go tlala ga metsi.
O ne a tlatsa ka gore se se ka itsa go kgwa metsi ga matamo mo go seng ka fa taolong. A re le fa go ntse jalo ba koporase ya metsi ba rurifaditse fa seelo sa metsi se santse se le ko tlase le go tlala.
“Go na gape le ba kompone e e dirang tsela ya Moshupa/ Manyana ga mmogo le ya Bikwe/ Manyana, ba arabile mokgosi gore ba ka thusa ka gore batho ba kgone go kgabaganya ka jaana kompone e setse e le mo tirong,” ga tlhalosa Mme Hlabano.
Mo godimo ga moo o kaile fa ba mokgatlho wa Sefapaano se Sehibidu ba setse ba thusistse ka dikobo.
Mme Hlabano o kopile gore bana ba beiwe leitlho ka jaana seemo sa pula se le borai mo matshelog a bone. O kopile ba kgaolo ya Moshupa le Batswana ka kakaretso go thusana ka go baya bana leitlho, go tshwaragana le go thusana le badirela puso mo nakong eno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Relief Lephutshi
Location : Moshupa
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2025