Merwalela e ba itsa go boela magaeng
23 Feb 2025
Morago ga go amogela ba-tswa-setlhabelo ba merwalela mo mafelong a botshabelo a nakwana selekanyo sa malatsi a le matlhano, komiti ya dibetso tsa tlholego mo Ghanzi e reteletswe ke go ba busetsa kwa magaeng ka ntlha ya seemo se se tlhobaetsang sa go fetoga ga seemo sa loapi kgapetsakgapetsa.
Mokwaledi wa komiti eo, Dr Boitumelo Molefane o tlhalositse ba BOPA fa seemo sa merwaela se amile batho ba ka tshwara makgolo a supa go ralala kgaolo ya Ghanzi.
O ne a supa fa seemo seo, se ne sa gwetlha phudugo ya nakwana mo malwapeng ka bontsi, go ya kwa mafelong a botshabelo a tshwana le dikolo, Ghanzi hospice le lefelo la botshabelo la Halfway home.
Le fa go le jalo, Dr Molefane o ne a supa fa motsana wa D’kar o di goga kwa pele ka dipalo tsa batho ba ba amegileng, ka dipalo di ka tshwara 440 mme kwa Ghanzi go gatisitswe 108.
A re ba ne ba itemogela go gola ga dipalo tsa ba ba tlhokang dithuso morago ga go amogela dipalo go tswa kwa metsaneng ya New Xade le Kacgae.
A re ka lesego, banni bao bone, ba ne ba sa tlhoke go fudusiwa, mme ba tlhokana le go tlamelwa ka dijo le tse dingwe tsa itshetso fela.
Dr Molefane o ne a tswelela ka go tlhalosa fa ba itemogetse merwalela ka bokete mo kgaolong, mme ka lesego go sena dikgetsi dipe tse di begilweng tsa go latlhegelwa ke matshelo. O gwetlhile setshaba go tswelela ba ipabaletse ka dinako tsotlhe. Mo go tse dingwe, Dr Molefane o ne a iteela bagwebi ba kgaolo legofi, ba tshwana le Tau Grading, Sandfire Motheo Mine, Tswana Fuel le Spar, a supa fa ba ne ba otlolola letsogo ka dithuso di tshwana le diteraka tse di gogang metsi, dijo, melora le tse dingwe tsa itshetso go tlamela ba ba amilweng ke merwalela, selo se a reng se tlisitse boitumelo le tsholofelo mo ba-tswa-setlhabelong.
E re dikgang di eme jalo, Dr Molefane o tlhalositse fa ba tshwaragane le ba ofisi ya tepo loapi, go lepa seemo sa loapi gore a go babalesegile gore batho ba ka busetswa magaeng.
Mongwe wa ba-tswa-setlhabelo, Mme Ogopoleng Molatlhiwa, wa kgotla ya Morama kwa Ghanzi, o ne a tlhalosa fa ba gorogile mo lefelong la Halfway home ka letsatsi la Mosupologo, morago ga gore a tsenelelwe ke metsi ka bokete jo bo sisimosang mmele mo lwapeng la gagwe.
O ne a supa fa metsi a mo senyeditse dijo le dilwana tsa ntlo.
“Fa kene ke sa tshabisiwa metsi, nako e nkabo re bua jaana ke le molwetsi, ke robaditswe kwa sepatela,” go tshwaela Mme Molatlhiwa.
O ne a gatelela fa thuso e ba e fiwang mo lefelong la botshabelo e le e nametsang pelo ka jaana, a re ba robala sentle gape ba fepiwa ka tsotlhe tse ba di tlhokang ga mmogo le gone go sidilwa maikutlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Ghanzi
Event : Potsolotso
Date : 23 Feb 2025