Breaking News

Puso e tlaa seka seka molao

02 Feb 2025

Mopalamente wa Mmadinare, Rre Ketlhalefile Motshegwa o kopile morafe wa Tshokwe go sisela puo fa ba bua ka dikgang tsa bogosi.

Bogosi jwa Tshokwe bo ne jwa sala bo sena ope ka 2023 morago ga gore Kgosi Itumeleng Pelotona a tlogele tiro ka bogodi a sena go busa ka lobaka. E rile a ba ema ka lefoko Rre Motshegwa a kopa banni ba Tshokwe go tsibogela kgang e ka e dia ditlhabololo tsa motse.

Rre Motshegwa yo e bileng e le Tona wa lephata la tsa Selegae le Merero ya tsa Ngwao, o ne a tshwere phuthego ya kgotla kwa motseng oo ka Labone.

O ne a ba tlhalosetsa fa go na le ditsamaiso le molao o o tsamaisang phiro ya go bewa ga dikgosi mo setilong mme a ba kgothatsa go beela maikutlo a bone kwa thoko fa go tla mo go tsa bogosi.

A re go ya ka molao wa bogosi, kgosi e tshwanetse go tsalwa kana ya itlhophelwa ke morafe.

O ne a tlhalosa fa puso e sa tsene gope mo go tlhopheleng morafe dikgosi mme go le mo go bone go itlhophela yo ba bonang a siametse go ba etelela pele.

Le fa go ntse jalo, Rre Motshegwa o ne a tlhalosetsa morafe fa puso e le mo tseleng ya go baakanya molao wa bogosi le tsamaiso ya makgotla a Setswana ka o siilwe ke nako.

O tlhalositse fa serodumo le boikarabelo jwa dikgosi di tshwanetse go tsholediwa, a re bogologolo go ne go na le tshimo e e lengwang e le ya ga kgosi e bidiwa lesotla, maikaelelo e le go jesa ba ba ‘kobo dikhutshwane

Rre Motshegwa a re se e ne e le bontlha bongwe jwa boikarabelo jwa ga kgosi go tlamela morafe wa gagwe. A re tshekatsheko ya molao e ya go thusa dikgosi tse e ntseng e le tsa tetlanyo ka ke bone ba ba ntseng ba beilwe ka fa mosing fa go tla mo mabakeng a pereko.

O ne a tlhalosa fa bontsi jwa dikgosi bo berekela mo diemong tse di sa siamang ka bangwe ba sena le fa ba berekelang teng, didirisiwa di tshwana le ditilo, ditafole le matlwana a boitiketso di seyo.

Rre Motshegwa a re jaaka lephata la gagwe le itebagantse le matshelo a batho le tsentse le tsa ngwao mo teng, dikgosi di tlaa neelwa boikarabelo jwa go dira ditsela le ditsamaiso tsa go tshwaraganya morafe ka tsa ngwao. ENDS

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Tshokwe

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Feb 2025