Tona o rola lenaneo la Mmualebe
02 Feb 2025
Tona wa Ofisi ya ga Tautona, Rre Moeti Mohwasa o simolodisitse semmuso lenaneo la Mmualebe, kgotsa National Listening Tour, le ka lone puso e tlaa fang setshaba sebaka sa go tla ka maikutlo, megopolo le dikeletso tsa ka fa ba eletsang puso e ka etelela pele lefatshe ka teng.
Fa a simolodisa semmuso lenaneo le mo Gaborone, ka Laboraro, Rre Mohwasa o supile fa go le botlhokwa gore baeteledipele ba ba tlhophilweng ke setshaba go tsamaisa puso ba dire jalo ba ikaegile ka se batlhophi ba se eletsang.
“E ne ya re re ipaakanyetsa ditlhopho ga na le dilo dingwe tse re neng ra di baya setshaba pele, dingwe tsa tsone e le gore re batla go nna puso ya morero. Re batla gore e re fa re le fano re le baeteledipele ba lona, re kopane le lona re le reetse re le utlwe gore megogoplo le dikeletso tse di tswang mo go lona e nne bontlha bongwe jwa melao le mananaeo a puso,” ga bua tona.
Se, a re ke sesupo sa maikano le maitlamo a puso ya Umbrella for Democratic Change (UDC) mo go netefatseng gore e tokafatsa le go tlhabolola matshelo otlhe a Batswana gore fa go nna le kgolo ya itsholelo go bo go sena Motswana ope yo o salelang kwa morago.
Rre Mohwasa a re fa Tautona Advocate Duma Boko, a buisa setshaba o ne a tlhalosa fa puso e tlaa tokafatsa matshelo a Batswana ka go reetsa setshaba ka go tsamaya lefatshe lotlhe la Botswana, ‘e ba reetsa, e bile a bo e tsaya se e leng gore ke dikeletso tsa bone’.
“Batswana ba batla go bona lefatshe la bone le gatetse kwa pele, go sena lehuma, tshenyetso setshaba le bosinyi mo lefatsheng la bone. Batswana ba batla go ipona, le bone, ba tshwana le mafatshe a mangwe, ba gatetse kwa pele mo matshelong a bone,” a tlatsa.
Puso ya UDC a re e tlhaloganya gore botlhale jwa boeteledipele ke go reetsa ba ba eteletsweng ka e le bone ba ba romileng go tsamaisa puso.
Baeteledipele ba ba sa reetseng gape ba ikgatholosa megopolo le maikutlo a setshaba, tona a re ba retelelwa ke go dira se batho ba se batlang ‘ka gore botshelo jwa bone bo kgakala le jwa batho’.
Ka jalo, lenaneo la Mmualebe Rre Mohwasa a re le remeletse mo puong le ngwao ya Setswana e reng ‘mmualebe a bue la gagwe gore monalentle a letswe’.
Tona a re ke tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe gore a bue le go ntsha maikutlo a gagwe gore a nne le seabe mo go ageng le go godisa itsholelo ya lefatshe la Botswana.
Go netefatsa gore mongwe le mongwe o nna le sebaka, e bile ga gona ope yo salelang morago gore megopolo le maikutlo a gagwe a fitlhelele ko pusong, a re lenaneo le le tla gasiwa ka metlhale yotlhe jaaka Botswana Television (BTV), Radio Botswana le RB2 le mo maranyaneng a Facebook.
Lenaneo le, a re le tlaa itebaganya le dikgang tsa konokono tsa lefatshe jaaka tsa; botsogo, temo-thuo, kabo ya lefatshe, dipalamo, banana le letlhoko la ditiro. ENDS
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Gaborone
Event : Tshimolodiso ya lenaneo
Date : 02 Feb 2025