Breaking News

Kago ya sekole e emisitswe

02 Feb 2025

Mopalamente wa kgaolo ya Tswapong Borwa Dr Kesitegile Gobotswang a re sekole sa bobedi se sebotlana se se neng se solofeditswe banni ba Ramokgonami gore se tla a agiwa, se emisitswe ke puso.

O ne a bua jalo fa a ne a tsibogela matshwenyego a a neng a ntshiwa ke Kgosi wa motse wa Ramokgonami Kgosi Kesetse Ramatlakadibe kwa phuthegong ya kgotla ka Laboraro.

Kgosi Ramatlakadibe o ne a supa fa banni ba tsenwe ke tsebetsebe ntateng ya gore ba utlwe fa go agiwa ga sekole go santse go emisitswe.

Ka jalo Dr Gobotswang o ne a re dithulaganyo tsotlhe tse di neng di tshwanetse di dirwe tsa gore go batliwe yo o ka se agang di ne di setse di weditswe ka jalo se emisitswe mme mabaka e le gore se mo dingweng tsa ditlhabololo tsa puso tse di neng di tshwanetse go dirwa tse masome a a supa mme di belaelwa ke puso gore di ka tswa di ne di sa tsamaisiwa sentle.

A re kago eo ya sekole e ne e ntsheditswe madi mme e tshwanetse ya simologa. Mopalamente a re o tlaa tlhomamisa gore sekole seo se tsena  mo ditlhabololong tse di tlaa dirwang. E ne e rile go le pele fa a amogela baeng, Kgosi Ramatlakadibe a supa fa banni ba kopa tlhaloso mabapi le sekole sa bobedi se sebotlana se ba neng ba  se solofeditswe gore se tlaa agiwa.

O ne a re ba ne ba solofetse sekole seo mme mo nakong eno ga go na karabo e e tlhapileng ya gore a se tlaa agiwa.

Kgosi Ramatlakadibe o ne a re le fa ntswa mokhanselara a kile a sedimosa sengwe ka sekole seo ke dikgang tse di ba tsenyang tsebetsebe.

Mo go tse dingwe o ne a supa fa morafe wa Ramokgonami o sena ditsha tsa bonno ka jalo ba ne ba solofeditswe gore go tlaa segiwa ditsha mme nako kgolo ke eno.

Kgosi Ramatlakadibe o ne gape a lekodisa mopalamente fa banni ba ba setse ba lemile morago ga gore dipula di ne ka bokete.

A re go a bonala gore ngwaga ono e tlaa nna o monamagadi ka ba kgonne go lema morago ga gore go nne leuba.

Kgosi Ramatlakadibe o ne a ntsha matshwenyego a tlhaelo ya baoki kwa kokelwaneng ya bone, a bolela fa baoki ba loma ka meno ka ba sa ikhutse ntateng ya gore ba a tlhaela mme ba amogela le balwetsi ba ba tswang kwa metseng e e gaufi leRamokgonami.

O ne a kopa gore seemo se se tsibogelwe gore baoki ba bangwe ba tsisiwe kwa kokelwaneng eo.

Mo go tse dingwe, banni ba ne ba ntsha matshwenyego a a farologaneng. Ba ne ba kopa lekgotla la kabo ditsha go ba baya ditsha ka ba na le dingwaga ba sa bewe ditsha.

Mme Ketlogetswe Tlhobogang o ne a supa fa a tshwenngwa ke seemo sa thuto e mo nakong eno go senang dibuka kwa dikoleng. A re batsadi ba lopiwa go rekela baithuti dibuka ntswa e se gore ba tlaa kgona botlhe go dira jalo.

O ne a kopa lephata la thuto go tsibogela kgang ya go rekela baithuti dibuka ka bontsi jwa batsadi ba sa kgone go di reka ka ntlha ya gore ga ba bereke e bile ga ba na letseno lepe. ENDS

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Ramokgonami

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 02 Feb 2025